Breaking News

Muzila o kgothatsa makhanselara

07 Jul 2016

Mmatoropo wa Francistown, Mme Sylvia Muzila o rotloeditse makhanselara a torop eo go tsaya ka tlhwaafalo lenaneo la itsholelo ya toropo eo, a re le na le bokgoni ja go neela banni ba toropo eo dithata tsa itsholelo.

Erile a bua kwa phuthegong ya khansele ya toropo eo ka Labobedi, Mme Muzila a re lenaneo leo la tlhabololo ya itsholelo ya toropo le tlaa diragadiwa go lebilwe mo ditshekatshekong tse di neng tsa dirwa ka ngwaga wa 2014, go rudisa itsholelo le go naya banni ba Francistown dithata tsa itsholelo.

A re ka maiteko a baeteledipele botlhe ba toropo, ba dirisa tsotlhe tse go lebegang toropo e ka dira botoka mo go tsone, lenaneo leo le ka rarabolola dikgwetlho tsa ditlhabololo tse di lebaneng toropo eo.

Tiragatso ya lenaneo leo e tlaa thusa toropo go bona ditlhabololo tse di tlhokafalang.

O boletse gape gore lenaneo leo le tlaa dirisa tsotlhe tse di siametseng go ka thusa toropo ka go dira gore banaleseabe botlhe mo go tsa itsholelo ba thulanye ditlhogo go bona gore ba dira tsotlhe tse di tlhokwang ke setshaba.

Erile fa a ntsha la gagwe, modiri wa tsa itsholelo wa toropo eo, Mme Boipelo Tshekiso a re khansele e na le seabe se segolo mo go diragatseng lenaneno la tlhabololo ya itsholelo ya lebaka le le leele mo toropong eo.

O boletse gore dikanoko tse di dirilweng mo toropong di supa fa itsholelo ya toropo eo e gogwa kwa pele ke mhama wa mabenkele, fa ditiro tsa madirelo a dithoto (manufacturing) tsone di le kwa tlase. Mme Tshekiso o boletse gore toropo eo e na le letlhoko la ditiro le le kwa godimo, lehuma le go sa lekalekaneng ga kanamo ya khumo, ntateng ya go gola ga koketsego ya batho le go palelwa ga itsholelo ya toropo go tsaya batho botlhe ba basha ba ba batlang ditiro.

O boletse gore le fa selekanyo sa batho ba ba itseng go bala le go kwala se le kwa godimo, toropo e lebanwe ke dikgwetlho tsa go tlhoka go tshela lobaka lo lo leele ga batho, go kopane le seemo se se kwa godimo sa bolwetse jwa HIV/AIDS, mo bathong ba ba sa ntseng ba itekanetse go ka tsweleldisa itsholelo.

Gape a re ka thulaganyo ya go itshekatsheka, go supagetse fa toropo e na le bokgoni ja go ka gola le go oketsega ga itsholelo.

Makhanselara a ne a lebogela lenaneo leo mme ba kopa gore le diragadiwe ka bofefo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : FRANCISTOWN

Event : Phuthego ya khansele

Date : 07 Jul 2016