Banana ba Kgatleng ba a ithotoetsa
07 Jul 2016
Banana ba metse e e mo nokeng ba kopilwe go dirisa mananeo a puso go ipulela dikgwebo go tokafatsa matshelo a bone le go tlhama ditiro.
E rile fa a simolodisa ditshupo tsa bagwebi ba banana bosheng kwa Mmathubudukwane, mogolwane wa Botswana Stock Exchange Rre Thapelo Tsheole a re ditshupo tseo di fa banana sebaka sa go bona dikitsiso le dikitso tse ba ka di dirang go simolola dikgwebo tsa bone kana go tlhabolola tse di ntseng di le teng.
A re setlhogo sa ditshupo tseo se se reng : Go tlotlomatsa dikgwebo tsa banana le go senka botsalano jwa dikgwebo mo Kgatleng se lebanye e bile se siametse go rotloetsa mowa wa go dirisanya mmogo le go dira ditsela tse di ka tsweledisang kgaolo ya Kgatleng.
Rre Tsheole a re ditshupo tseo gape di kgontshitse banana go akola go dirisanya mmogo le go bona sebaka sa go kopanela go bona mebaraka, le ditsela tsa tirisano.
O boletse gore lefelo leo ke kwa go kopanelwang teng go bua ka tsa kgwebo mo metseng ya bone ba kopane, ga bua Rre Tsheole
O ne a gatelela botlhokwa jwa go dirisanya le go kopanela ditiro dingwe e le bagwebi, bogolo jang fa go tsiwa mo go ikopanyeng le bareki,baadimi ba madi le ba ba rekisang dithoto.
O rotloeditse banana ba ba neng ba le kwa ditshupong go tsaya sebaka se go dirisa diemo tse di bakwang ke papadisano ya gompieno e e dirilweng ka mananeo a dithuso a puso go itokafaletsa matshelo.
Rre Tsheole a re go mo marauding a bone go ipaakanyetsa go ithusa ka diemo tse di ka tlhagogang.
A re metse e e mo nokeng e siametse kgwebo go lebilwe seemo sa yone le palo e ntsi ya batho, noka ya Madikwe, lefatshe le lentle le gape le siametseng temo-thuo. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong o rotloeditse banana go tsena mo dikgwebong.
A re fa ba sena go bona dikitso go mo maruding a bone go tswelela pele. O rotloeditse banana go iteka mme ba dirise tse di teng le tse di tshwanetseng, ba itshware ka thata ba dire dikgwebo jaaka go aga dihotele tse di nang le bokgoni ja go dira sentle.
Fa a tlhalosa moono wa ditshupo, morulaganyi wa tsone, Rre Anthony Rasetshwane o ne a re ditshupo tseo di neela banana sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe.
A re ba batla dikgwebo tse dipotlana tse di kwa metseng e e mo nokeng go gola mme di fitlhe kwa mebarakeng e metona go direla ba bangwe ditiro. Ditshupo tseo, tse di bidiwang
Dinokeng Youth Entrepreneurship Expo di nna ngwaga le ngwaga mme go lalediwa setshaba le makala a a ikemetseng ka nosi go supa tse ba di dirang ba bo ba kopane le bagwebi ba banana le ba ba fatlhogang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : MMATHUBUDUKWANE
Event : Ditshupo tsa bagwebi ba banana
Date : 07 Jul 2016






