Breaking News

Gakerapele o inosa ka nkgo

06 Jul 2016

Boineelo, bobelotelele, lorato le go tsaya dikgakololo ke tsone konokono go ka nna morudiso wa katlego mo go tse motho a eletsang go di fitlhelela mo botshelong.

Rre Mothibedi Gakerapele ke molemi wa  go monela marulana pele ka go dira mo gotweng mosele wa pula o epiwa go sale gale ka go ipaakanyetsa go bulelwa ga letsema, go katela thotse jaaka bontsi jwa barati ba temo ba tle ba buwe e le tlhaloso ya go lema.

Molemi yoo wa masimo a Keleki gaufi le Shadishadi mo kgaolong ya Kweneng Bokone, o dumela mo temong e e tlhabolotsweng ka go inaakanya le bogakolodi jwa bo maitseanape ba mananeo a temo a a tlhalosang fa a fetotse seemo sa botshelo jwa gagwe.

O kaya fa lenaneo le le rotloetsa ka go tlhabolola seemo sa temo la ISPAAD le fetotse go menaganye botshelo jwa gagwe go tswa mo dingwageng tse nne tse di fetileng ka a ne a seka a ipona tsapa go tsaya dikgakololo tsa bogakolodi.

A re mo bagakoloding, o ne a anywa thuto e e mosola thata ka e mo thusitse go tlhabolola temo ya lefatshe leno le gone go godisa thobo ya gagwe go menaganye morago ga go inaakanya le temo ya ditselana. 

Batswana ba ne ba tsibogela lenaneo la ISPAAD ka bontsi ntswa go ne ga nna le dikgwetlho di tshwana kwelotlase ya seemo sa pula mo go gakadiwang ke go fetoga ga seemo sa loapi.

Le fa go ntse jalo Rre Gakerapele ke mongwe wa bao ba ba se kileng ba ipona tsapa jaaka fa a fetogile go nna ene seipone sa temo e e kgatlhisang leitlho mo kgaolong ya bone ka bontsi jwa balemi ba o orile fela wa mariga ka ba sale ba tlhobogile seemo sa loapi.

E re ka jaana gotwe lebelo ga se la motlogapele, molemi yo o farologanngwa le ba bangwe ke botlhaga jwa gagwe mo go tshegetseng temo.

“Legonnyana la modisa letlharapana”, a ke mafoko a tsholofelo a tlhalosiwa ke Rre Gakerapele go supa fa a dumela gore seemo le boleng jwa temo ya gagwe ya mabele e ya go lere dipoelo go tswa mo go ba Botswana Agricultural Marketing Board  ntle le mmidi le dinawa.

O kaile fa nngwe ya dikgwetlho tsa go tlhaela ga lefatshe go kgoreletsa maiteko a go atolosa temo ya gagwe mme a kafa  a kgonne go kopa tiriso ya masimo a bangwe ka ene.

E re ka jaana gotwe wa o esi ga o ele, Rre Gakeresepe o rolela hutshe mohumagadi wa gagwe go bo le ene a tiisitse moko mo temong. 

“E re ntswa ke na le tsholofelo ya go bona dipoelo mo thobong ya monongwaga ya diekere tse di lesome le borataro, tsa mabele, poifo e kgolo e mo thologelong e e kwa godimo ya losika lwa dinonyane di akaretsa thaga, maphoi le maebarope tse di dirang gore temo e ture le go feta ka jaanong ke tlamega go dirisa madi madi go leka go lwantsha seemo seo,”  ga tlhalosa Rre Gakerapele.

Rre Gakerapele ke molemi yo o mabogodika ka jaana botshelo jwa gagwe bo sa ikaega fela ka temo ya komelelo e bontsi jwa balemi ba lefatshe leno ba inaakantseng nayo mme gape e le morui tlhwatlhwa wa leruo le le thabologileng le kgwebo ya lebenkele e e kwa motseng wa Sojwe

O tlhalosa gore seemo seo se ne sa mo patika go tsamaela bokgakala jwa Rasesa kwa kgaolong ya Kgatleng koo a ileng a bona thuso ya boitseanape jo bo mo lopileng madi a fetang dikete tse nne go reka ditshosa tsa digootsane tse di dirisiwang go koba dinonyane ka moriti ka go fofisiwa ka phefo. 

E re ntswa erile bosheng balemisi ba kgaolo ya Kweneng Bokone ba bo ba ne ba simolodisa dithuto tsa temo ya go somarela bokgola ka tiriso ya mogoma wa ripper, molemi yoo a re e re ntswa a sa nyatse thulaganyo eo, o lemoga fa e ka se berekele masimo otlhe ka jaana mangwe a ka nna le dikgoreletsi tsa majwe a a ikadileng kwa tlase ga lefatshe

Mogoma wa ripper ke o o dirisiwang go dira mo gotweng mosele wa pula o epiwa go sale gale ka go segela dijwalo ditselana go thusa go tshwara bokgola jwa pula le fa e ka tswa e le bonnye bo kae. 

Molemisi wa kgaolo ya Shadishadi Rre Marope o akgotse le go rolela hutshe boineelo jwa ga Rre Gakerapele mo kgodisong ya seemo sa dijo bonatla go dira tiro ya gagwe ka botswapelo.

A re o rotloetsa balemi go tia moko ba anywe kitso mo bangweng ka bone le go inaakanya le tse di ka thusang go godisa le go tlhabolola seemo sa temo.

Molemisi a re le fa molemi yoo e le ene a tsholeditseng sekgele ka go ntsha maduo a a kgatlhisang ga a nyatse maiteko a mantle a a tsweletseng ka go dirwa ke balemi ba kgaolo eo ba a supang gore ba tshwere ka natla go dira maiteko ntle le gore lesego ga le tlhakanelwe. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : SHADISHADI

Event : Potsolotso

Date : 06 Jul 2016