Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng bo a itshekatsheka
06 Jul 2016
Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng, komiti e e lebaganeng le nyeletso lehuma le bana-le-bogole bo kopaneng mono Palapye go tla go itshekatsheka ka fa ba tlang ba gata ka teng mo dikgannyeng tsa nyeletso lehuma.
Erile a buwa ka dikgang tsa nyeletso lehuma se eleng sone modi wa kgang, molaodi wa kgaolo ya kweneng Dr Themba Mmusi a re maikaelelo magolo ke go diragatsa thomo ya ofisi ya ga tautona ya go bona gore Motswana mongwe le mongwe yo o lebanweng ke lenaneo la nyeletso lehuma o le bona ka tolamo.
O ne a re fela jaaka tautona wa lefatshe leno a semeletse godirela Batswana, a e re mo maitekong ao a gagwe a a supegileng a na le tema, Kweneng e nne nngwe ya dikgaolo tse di tlaa mo jang boswa ka go direla Batswana ka natla, tlotlo le lerato.
Dr Mmusi o ne a re ga go thona go bona Kweneng e dira bontle ka fa a bonang bodiredi ja kgaolo bo gata ka teng bo le seopo sengwe ka maikaelelo a le mangwe a go thusa tshaba ya lefatshe leno le go ikinola mo lehumeng.
Mongwe wa barulaganyi ba bokopano joo, molomaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o tlhalositse fa lenaneo leo le abetswe P15 million go dirisiwa mo dikgaolong tsa bopalamente di ferabobedi tse di kgaogantsweng ka dikgaolo-potlana di le tharo.
Rre Kwelagobe a re mo kgaolong yotlhe ba kgonne go phutha batho ba le 23 000, ba mo go bone e neng ya re fa go dirwa ditshekatsheko ga feta ba le 12 000, e le bone ba supileng fa ba tshwanelwa ke go tsenngwa mo lenaneong la nyeletso lehuma, e bile ba thokana le kemo nokeng ya bodiredi, e ka nna ka thutuntsho kana ka go ikopela mananeo.
Erile fa a rarabolola dikgang tsa lenaneo, a bolela fa go sa ntse go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa, ka go lemosegile mo palong eo yotlhe ya ba ba ba sekasikilweng ya ba ba 12 000, go thusitswe ditiro di le 2070, fa di le 1804 di sa tlhole di dira, mme tse 308 tsone di ne tsa seka tsa kgona go feta ka nako ya fa di tlhotlhiwa.
Mo ditirong tseo, di le 11 ga di sa tlhole di dira di phutlhame, fa di le 39 e le tsone di tsweletseng sentle e bile di sa ntse di itshetletse. Seo se supa fa go sa ntse go na le melala e e tlhokang go emelwa ka dinao gore lenaneo le goroge kwa bathong. A re kgang e e tlhoka gore bomme le borre ba eme ka dinao go bona gore mathata ao ba a lwantsha jang.
Kgang kgolo e ne ya remelela mo tsamaisong le mo go kgobokanyeng tsotlhe tse di ka dirang gore lenaneo le tsamaye ka thelelo le tsone didirisiwa tse di tlhokegang go ka dira tiro eo ka botswelerere, bonatla le botlhaga.
Batsayakarolo mo dithutong tseo ba ne ba supa bothata ja go tlhaelelwa ke didirisiwa jaaka dipalamo, letlhoko la metsi a a nosetsang masingwana a merogo, go sa nne bontlha bongwe ja lenaneo ga bao ba ba le abetsweng, mme ba re go tlhokega gore ba tswe ka maano a a botoka a a ka ba kgontshang go fitlhelela maikaelelo a lenaneo le go le diragatsa.
Ba ne ba re gongwe nako e tsile ya gore go dirwe thutuntsho ya tshedimoso, pele go ka dirwa e e tseneletseng ya tsamaiso ya lenaneo, ba re gone foo ke gone go le gansti batho ba supa tota fa ba tlhwaafetse, le bao ba ba neng ba sa tlhwaafala ba simolola go ikgogela morago.
Ba re gore lenaneo le bo le sa tswelele jaana, ke gone gore bangwe ba tsaya lenaneo fela ka gore le teng ba sa gwetlhiwe ke sepe gore ba le tseye, ke sone se o tlaa fitlhelang ba re lenaneo ke la ba boipelego, ba re ke gone go digang bontsi ja dikgwebo.
Bokopano jo bo ya go tsaya malatsi a le mararo go tswa ka tharabololo ya se se ka dirwang go tokafatsa go abiwa le go tsamaisiwa ga ditirelo tsa lenaneo la nyeletso lehuma le mo nakong eno le tladitsweng ka la banalebogole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 06 Jul 2016






