Banana ba rotloediwa go diragatsa dikitso
06 Jul 2016
Mothusa tona wa papadi le madirelo, Advocate Sadique Kebonang o kopile banana gore ba etelelepele ditiro tsa itsholelo tsa lefatshe leno. O buile se fa a ne a ua kwa kabong dietsele ya banana ba le 90,
O boletse gore dikitso tse ba di anywileng kwa dithutathutong tseo, ba di dirise go ba thusa go tsamaisa itsholelo ka kitso e e tseneletseng.
Thutopuisano eo ya malatsi a mane e ne e dueletswe ke Botswana Accountancy College Centre e kopane le Business and Secretarial Training. E rulagantswe ke mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso yo gape a leng mopalamente wa kgaolo eo, Rre Moiseraele Goya.
Rre Kebonang o ne a rotloetsa dialogane, le bao botlhe ba ba tsileng go supa boikokobetso, boineelo le maikemisetso a tiro e ba e dirang.
O ikuetse mo go banaleseabe go tswelela ba tlhabolola ba bo ba nosetsa talente e banana ba nang le yone go ba kgontsha gore ba lemoge bokgoni jwa bone mme ba itlhabolole.
A re batho ba tshwanetse go dirisa thata ditalente tsa banana tse di supileng fa di ka thusa mo ditlhabololong tsa setshaba.
E rile a ntsha la gagwe, Rre Goya a re dithuto thutano tseo di botlhokwa thata mo maitekong a lefatshe la Botswana a go tlhabolola itsholelo e e ikaegileng ka dikitso.
A re go nna le kitso go botlhokwa thata ka gore pharologanyo fa gare ga mafatshe a a humileng le a a humanegileng le pharologanyo fa gare ga bahumi le bahumanegi ke go tlhoka kitso.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepo David
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 06 Jul 2016






