Kgosi ga a itumelele dikereke dingwe
06 Jul 2016
Moemela kgosi yo mogolwane, Kgosi Charles Letsholathebe, a re ga a itumedisiwe ke dikereke dingwe tse di mo Maun tse di senang tirisano mmogo.
Kgosi Letsholathebe a re dikereke tsa go nna jalo ga di ke di nna teng fa ba di kopa go tla go kopanela ditiro kana dikgang tse di amang setshaba.
Kgosi o buile jalo kwa merapelong e e neng e tshwaretswe kwa maemelong a dikoloi tsa setshaba ka maikaelelo a go rapela kgatlhanong le dikotsi le dipolaano tse di diragalang mo motseng oo le tikologo, a re o utlwisiwa botlhoko ke gore go tla dikereke di le dingwe fela dinako tsotlhe fa ba bitsa.
Kgosi Letsholathebe o tsweletse a re o a itse gore dikereke tse di sa tleng tseo di na le dipalo tse dintsi tsa batho mme e bile a re ke tsone tse di gopelang Batawana ka go ba tseela madi le dithoto dingwe, a ba kgothatsa gore ka ba tsile papading mo motseng oo, a ba ne ba tsena ditiro tsa one.
A re ene o tlhaloganya sentle gore palo ya dikereke e feta 175 mo Maun, mme ka dinako tsotlhe go tla palo e e ka fa tlase ga lesome, a ba a kopa ba komiti ya baruti go tswelela ba tsena mo go tsone dikereke tse di sa bonaleng tseo.
Moruti Tiisetse Sampora wa kereke ya Eloi, o ne a re lefatshe leno le a lwala mme le tlhoka bone ba ba itseng monate wa Modimo gore ba utlwise ba bangwe.
A re bontsi jwa ditiragalo tse di diragalang mo malatsing a gompieno di supa fa e le ruri lefatshe le tlhoka thapelo e e tseneletseng, a re kwa ntle ga thapelo, lefatshe leno le tlaa nyelelela.
Moruti yo mongwe ,Mme Tshepang Mazarura, wa kereke ya Water Gate, ene o ne a kgothatsa ka lekwalo la Ditirafalo wa bobedi temana ya bobedi go tsena ya lesome le bone le Isaih 55 temana 6 le 7 le Baroma 8.
Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Rre John Mengwe o solofeditse fa ba tlaa bona gore ba ikopanye le dikereke tse dintsi tse di sa tseneng dipitso ka dinako tsotlhe, a re tota go dira jalo ke go sa direng sentle ka tota go sena jaaka ba ka aga motse wa Maun fa ba sa kopane le ditlhabololo tse di dirwang mo go one.
O bile a solofetsa fa ba tlaa tswelela ka go tshwara dithapelo tsa mofuta oo a ba a re mo nakong e e tlang ba tlaa bona gore dikereke ka bontsi di nna teng, o ne gape a kopa batsadi go bua le bana ba bone a re gongwe Modimo o ka ba thusa ba tswa mo dilong tse di maswe tse ba di dirang.
O tsweletse a re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore dikotsi tse, di gapa matshelo a bana ba ba rutegileng fa gongwe e le gone ba fetsang kwa dikoleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Merapelo
Date : 06 Jul 2016






