Breaking News

Ba kopilwe go kokobetsa maikutlo

06 Jul 2016

Kgosi wa motse wa Nxharaga mo kgaolong ya Nhabe, Kgosi Gaolatlhe Kgosigaenyatswe o kopile batho ba motse oo go kokobela maikutlo fa ba bua le badiri ba lekgotla la kabo ditsha la goo Tawana ka Mosupologo.

Kgosi o buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa batho ba Nxaraga baneng ba kopile gore batho ba lekgotla la kabo ditsha batle go ba tlhalosetsa ka dilo dingwe tse ba ngongoregang ka tsone, a re e re lentswa e le kgang e e masisi, ba tshwanetse ba wela dibete.

Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a re e re lentswa ba e buile ka botlalo, kgang ga ea wela sentle ka gore  ba paletswe ke go tlhalosetsa batho gore tota gatwe o ne moalo wa motse oo o simologa kae o felele kae, ka a re ke o ne o o tsositseng kgaruru.

O tsweletse a re go bua ba sa itlhalose ka kgang ya moalo, go ka motsenya mo bothateng ka gore o ntse a ba tshwaretse lefatshe mme a re seo se ka dira gore a tloge a abele batho kwa gosa abiweng teng.

Ba lekgotla la kaboditsha la Tawana ba ne ba tlhalosa fa melawana e e tsamaisang lefatshe, e fetogile ka 2010 fa motse oo o rurifadiwa gonna motse, o tsena mo melaong ya gore o direlwe moalo gore go tle go abiwe ditsha sentle.

Le fa gontse jalo kgang ya batho ba motse oo ene e le gore bone ga ba a bolo go nna mo kgaolong eo pele e sekasekelwa ka fa molaong gonna motse, mme jaanong ba re ba gakgamadiwa ke gore bangwe ba abelwa ditsha semmusu fa bangwe ba bolelelwa fa ba se mo moalong wa motse oo.

Mme Ntlogelang Tshabo o ne a re se se gakgamatsang le go feta ke gore mongwe o ka neelwa fa yoo latelang a bolelelwa gore ga a mo moalong mme yo o kwa moraga ga gagwe a bo a neelwa, a re ke sone se ba kopang tlhaloso ka kgang ya moalo.

O bile a botsa gore go kanna jang fa e kare bantse ba emetse o ne moalo oo, go bo go thibiwa diphatlha tse di fa gare ga motse ka bone batho ba ba sa bolong go kopa ditsha bao.

Rre Gagoope Seloilwe o ne a re o kopa tlhaloso ya gore ke eng lekgotla leo le sa kgone go mo neela setsha sa bonno a re o lekile kwa Maun ga pala le gompieno kwa Nxharaga go santse go le thata gore a bone setsha ntswa batho ba ba tswang kwa ntle bone ba bona ditsha motlhofo.
Modula setilo wa lekgotlana la kabo ditsha Rre Obusitswe Ntirelang o ne a ba tlhalosetsa ka melawana e e tsamaisang lefatshe, e e amileng motse wa bone fa o rurifadiwa gonna motse ka 2010.

A re moalo o thusa gore motse o nne le tebego e e botoka fa go setse go segwa ditsela, go tsenngwa metsi le motlakase, a ba a ba bolelela fa go ipha lefatshe e le molato o motho a ka o sekisediwang kwa kgotla tshekelong.

O tsweletse a re bone ba lesego ka ba neetswe dikwalo tse di sa reng ba thube fa ba beilweng teng mme ba boleletswe gore ba seka ba tlhabolola go fitlhelela kopo e baakanngwa.

Obile a re go sega setsha go lopa lekgotla P600 setsha sengwe le sengwe a tlatsa ka gore mme ga se selo se se ka dirwang ka bofefo ka jaana puso le yone e sena madi, a tlatsa ka gore kana ga se batho ba Nxharaga fela ba ba batlang ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : NXARAGA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Jul 2016