Bana ba tlhoka tshireletso ya batsadi
06 Jul 2016
Mothusa Tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re bana ba tlhoka malapa a a kitlanyeng go ba sireletsa mo dikgwetlhong tsa botshelo.
Fa a bua kwa Mookane ka letsatsi la segopotso sa ngwana wa moAforika, Mme Tshireletso a re bana ba iphitlhela ba le mo diphatseng ba sa le bannye ka ntlha ya dikgoberego tse di mo malwapeng a bone.
Mothusa tona a re e re le ntswa lelwapa e le lone le le nang le maikarabelo a go godisa ngwana le go mo aga gore a nne motho yo o botoka mo botshelong,malwapa jaanong ke one a a senyang bokamoso jwa bana.
A re mo Botswana, bana ga ba golele mo malwapeng a a lolameng ka bontsi ba nna le motsadi a le mongwe, segolo jang wa mme, mme se se dire gore ba tlhaele lorato la motsadi wa rre.
A re mo basetsaneng, se se ba dira gore ba tsene mo maratong ka bonako ka ba sa itse lerato la motho wa rre mme ba nne mo diphatseng tsa boimana le malwetse a dikobo fa ba basimane ba nna dikgoka.
A re ditlhalano di ile magoletsa mo Botswana, mme se, le sone se baya bana ka fa mosing ka batsadi fa ba kgaogana ba leba dikeletso tsa bone fela mme ba lebale gore mo bokopanong ja bone go nnile le bana.
A re kgaogano ya batsadi e tsisa tsietsego mo baneng ka ba latlhegelwa ke tshepho mo bathong ba ba kileng ba ba leba e le bone bagakolodi ba batona.
Mo go tse dingwe a re bana ba dirisiwa botlhaswa ke batho ba ba nnang le bone mo malwapeng mme ditiragalo tse di sa begwe kwa go ba ba maleba, go sirelediwa badira melato.
O ile a kgalela bomme mokgwa wa go lobela bana borraabo, a re se le sone ke nngwe ya dilo tse di amang ngwana ka mongwe le mongwe a na le keletso ya go itse kwa a tlholegang teng.
A re tlhoka kutlwisisano fa gare ga mme le rre ga e a tshwanela go dira gore mme a thibele ngwana go nna le botsalano le rraagwe ka ngwana a tlhoka lorato la bone botlhe.
Moemedi wa Lekgotla la Unicef, Mme Julianna Lindsey, a re lefatshe la Botswana le dira maiteko a magolo go dira gore ngwana a golele mo kgololesegong.
Mme Lindsey a re mananeo a lefatshe le a go tlhabolola botshelo jwa bana a tlhoka go tokafadiwa gore a ba solegele molemo.
A re Botswana o botoka thata mo go tshegetseng ditswhanelo tsa bana go tshwantshanngwa le mafatshe a mangwe a Aforika a go nnang le dintwa, kwa bana ba patelediwang go nna masole, basetsana ba thubediwa e bile bana ba rontshiwa tshwanelo ya thuto.
O ne a tshwaela gore bana mo Botswana ba sa ntse ba na le dikgwetlho tsa go amiwa ke mogare ka bontsi, lehuma le go tlhoka ditlamelo di tshwana le tsa botsogo,metsi a a phepa le thuto. BOKHUTLO.
Source : BOPA
Author : Barati Masigo
Location : MAHALAPYE
Event : Segopotso sa ngwana wa moAforika
Date : 06 Jul 2016






