Ditshupo ke pinagare ya ipapatso
05 Jul 2016
Mothusa mogolwane wa meepo ya Orapa Letlhakane Damtshaa (OLDM),Rre Bakani Motlhabani a re ditshupo ke pinagare e ka yone balemi-barui le bagwebi ka go farologana le makalana a a ikemetseng ba kopanang go supa le go bapatsa ditiro tsa bone.
Rre Motlhabani o buile jalo fa a bula ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Boteti ka Labotlhano, a re ditshupo tse di botlhwakwa ka jalo di tshwanetse tsa diragadiwa le fa go na le dikgwetlho. O tsweletse ka gore puso e eme ka dinao go leka go tswakanya itsholelo, e dirile mananeo a a thusang balemi-barui a a tshwanang le ISPAAD,LIMID le la nyeletso lehuma. O ne gape a re o rotloetsa banaleseabe go tswelela ba tsaya karolo mo ditshupong tse.
A re ditshupo di ka thusa Batswana go ithuta mo go ba bangwe gore kwa bofelong ba dire temo –thuo kgwebo e e ka thusang gore ba ntshe dijo tse di ka jesang lefatshe leno le mafatshe a mangwe.
Ditshupo tse di ne di tshwerwe ka setlhogo se reng "Boipelego Konokono ya go Nyeletsa Lehuma go ya kwa go 2016 le go feta’’ a supa fa setlhogo se se le maleba ka jaana puso e rotloetsa balemi-barui go itirela ditshupo mo dikgaolong tsa bone.
Rre Motlhabani a re go ntshiwa ga ditshupo tsa dikgaolo mo lephateng la temo-thuo di neelwa morafe ka ofisi ya ga molaodi kwa ofising ya ga Tautona.
A re go botlhokwa gore ditshupo tsa kgaolo di ikemele gore morafe o tle o nne le seabe se se tseneletseng gore ba tle ba di godise di goroge mo seemong se di tlaa okang bagwebi ka go farologana.
Rre Motlhabani o ne a ba rotloetsa gore ba godise bogwebi le dikitso tsa bone gore ba tle ba akole mananeo a a dirwang mo lephateng la temo-thuo,lephata la bong, lephata la diphologolo le makgabisa naga, le a mangwe a tshwana le CEDA,Young Farmers Fund; Youth Development Fund le lenaneo la go rudisa itsholelo ( ESP).
Rre Motlhabani o ne a rotloetsa komiti ya ditshupo go tswa ka methale e ba ka tlhabololang tebego ya lebala la ditshupo, a re ba ka laletsa ba ba nang le kgatlhego ya go ikopanya le bone ba aga dikago tsa sennela ruri di tshwana ntlo lehalahala e e tshwarelang meletlo e ba tsenyang madi ka yone.
O tsweletse a tlhalosa gore meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa (OLDM) ba abetse komiti ya ditshupo madi a a kana ka P404 819 go tlhabolola lebala la ditshupo tsa kgaolo ya Boteti, a tlatsa ka gore ba ntshitse madi a kana ka P70 000 go dirisiwa mo kabong dimpho ya monongwaga, diphaephe tsa didiba di le lekgolo gore go dirwe masaka, ba gopile lebala la ditshupo le tsela e e yang ko ditshupong.
Rre Motlhabani a re lefatshe leno le ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masone a matlhano, mme go motlhotlho ka gore ditshupo tsa kgaolo ya Boteti di na le dingwaga di le masome a mabedi le bobedi di ntse di le teng le mororo go na le dikgwetlho, a tlatsa ka gore o solofela gore nako nngwe di tlaa nna tsa maemo a a ko godimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Ditshupo
Date : 05 Jul 2016






