Banni ba kopiwa go kokobetsa maikutlo
05 Jul 2016
Kgosi wa motse wa Nxharaga mo kgaolong ya Nhabe kgosi Gaolatlhe Kgosigaenyatswe o kopile batho ba motse oo go kokobela maikutlo fa ba bua le badiri ba lekgotla la kabo ditsha la goo Tawana ka Mosupologo.
Kgosi o buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa batho ba Nxaraga baneng ba kopile gore batho ba lekgotla la kabo ditsha batle go ba tlhalosetsa ka dilo dingwe tse ba ngongoregang ka tsone, a re ere lentswa e le kgang e e masisi fela ba tshwanetse ba wela dibete.
Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a re ere lentswa ba e buile ka botlalo fela kgang ga ea wela sentle ka gore ba paletswe ke go tlhalosetsa batho gore tota gatwe o ne moalo wa motse oo o simologa kae o felele kae, ka a re kana ke o ne o o tsositseng kgaruru.
O tsweletse a re go buwa ba sa itlhalose ka kgang ya moalo leene go ka motsenya mo bothateng ka gore ontse a ba tshwaretse lefatshe mme a re seo se ka dira gore a tloge a abele batho kwa gosa abiweng teng. Ba lekgotla la kabo ditsha la Tawana ba ne ba tlhalosa fa melawana e e tsamaisang lefatshe, e fetogile ka 2010 fa motse oo o rurifadiwa gonna motse, wa tsena mo melaong ya gore jaanong o direlwe moalo gore gotle go abiwe ditsha sentle.
Lefa gontse jalo kgang ya batho ba motse oo ene ele gore bone ga ba bolo go nna mo kgaolong eo pele e seka sekelwa ka fa molaong gonna motse mme jaanong ba re ba gakgamadiwa ke gore bangwe ba abelwa ditsha semmusu fa bangwe ba bolelelwa fa base mo moalong wa motse oo.
Mme Ntlogelang Tshabo o ne a re se se gakgamatsang le go feta ke gore mongwe o ka neelwa fa yoo latelang a bolelelwa gore gaamo moalong mme yoo kwa moraga ga gagwe a bo a neelwa, a re ke sone se ba kopang tlhaloso ka kgang ya moalo.
Obile a botsa gore go kanna jang fa e kare bantse ba emetse o ne moalo oo go bo thibiwa diphatlha tsedi fa gare ga motse ka bone batho ba basa bolong go kopa ditsha bao. Rre Gagoope Seloilwe o ne a re o kopa tlhaloso ya gore keeng lekgotla leo le sa kgone go mo neela setsha sa bonno a re o lekile kwa Maun ga pala legompieno kwa Nxharaga go santse go le thata gore a bone setsha ntswa batho ba batswang kwantle bone ba bona ditsha motlhofo. Modula setilo wa lekgotlana la kabo ditsha Rre Obusitswe Ntirelang o ne a ba tlhalosetsa ka melawana e e tsamaisang lefatshe, a re erile ka 2010 fa motse oo o rurifadiwa gonna motse wa tsena mo melaong ya gore jaanong o direlwe moalo gore gotle go abiwe ditsha sentle.
A re moalo othusa gore motse onne le tebego e e botoka fa go setse go segwa ditsela, go tsenngwa metsi le motlakase, a ba a ba bolelela fa goipha lefatshe e le molato o motho a ka o sekisediwang kwa kgotla tshekelong. Otsweletse a re bone ba lesego k aba neetswe dikwalo tsedi sareng bathube fa ba beilweng teng mme ba boleletswe gore ba seka ba tlhabolola go fitlhelela kopo e baakanngwa.
Obile a re go sega setsha go lopa lekgotla P600.00 setsha sengwe le sengwe a tlatsa ka gore mme ga se selo se se ka dirwang ka bofefo ka jaana puso le yone e sena madi, a tlatsa ka gore kana ga se batho ba Nxharaga fela ba ba batlang ditsha.
Modiri yo mongwe wa lephata leo Rre Morwa Kwerepe e ne o ne a re Batswana ba tlhaloganye gore bone ba lesego ka jaana mo mahatsheng a mangwe go na le tshololo ya madi e e bakiwang ke dikgang tsa lehatshe, a tlatsa ka gore kana lefatshe le motho ke selo sele sengwefela.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : Gaborone
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 05 Jul 2016






