Breaking News

NFTRC e ruta Batswana ka dijo

05 Jul 2016

Mogolwane wa tsa kanamiso  wa kompone  ya National Food Technology Research Centre (NFTRC) Mme Thatayaone Kepaletswe a re Batswana ba maoto a tshupa go senka kitso ya dilo tse di ka tlhabololang matshelo a bone.

Mme Kepaletswe o buile jalo kwa ditshupong tsa kgaolo-potlana ya Boteti kwa Letlhakane bosheng a tlhalosa gore lekala la bone le rutuntsha Batswana ka dijo.

A re tiro ya NFTRC  ke go sekaseka dijo tsa Setswana le dijo go bona gore di ka okediwa boleng  jang, kabakanyo le tiriso ya tsone.

Mme Kepaletswe a re mabele ke dijo tse di tona tsa Batswana ka jalo ba dirile dipatlisiso mme ba lemoga gore mabele a kgona go dira bopi jwa borotho le digaugau (chips).

Mme Kepaletswe a re  ba ruta  Batswana go dira gore dijo di nne lobaka di sa senyege e bile  di sa fele boleng.

A re fa ba sena go dira ditshekatsheko tsa bone ba ruta Batswana gore ba ba nang  le kgatlhego ba itirele dikgwebo ka tsone dijo tse, tse ka tsone ba ka  tlhamelang  le ba bangwe ditiro.

Mme Kepaletswe a re tiriso e ya dijo tsa Setswana e thusa go nonotsha balemi ka bagwebi ba reka temo ya bone.

O tsweletse a re dithuto tsa bone di direlwa fela kwa komponeng ya bone kwa Kanye, a tlhalosa gore gantsi ba ipapatsa ko ditshupong le ka  maranyane a segompieno go leka go anamisa dikitso mo setshabeng.

Mme Kepaletswe a re gantsi batho ba  ba tlang dithutong ko go bone ke ba ba  tsisiwang ke ba lephata la bong (Gender Affairs) le ba mananeo a mangwe a puso  ga mmogo le Batswana fela ka bongwe ba ba nang le kgatlhego.

A re keletso ya bone ke go bona lefatshe leno le ijesa ka tiriso e ya dijo tsa Setswana le go jesa mafatshe a mangwe ga mmogo le gone go kabakanya itsholelo.

Mongwe wa ba ba neng ba  tsenelela dithuto tsa  ba NFTRC  kwa ditshupong, Mme Tshenolo Baleche a re o ithutile gore go botlhwakwa gore motho a tsenelele  dithuto tsa NFTRC go ithuta  ka fa  dijo  di tshwarwang ka teng, segolo jang fa ba batla go dira kgwebo.

Mme Baleche a re  o ithutile gore ithutuntsho ya dijo ya NFTRC ke ya Motswana mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego  le yo o berekang tota. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Boteti

Date : 05 Jul 2016