Breaking News

Ditshupo tsa boteti ga di a atlega - modulasetilo

04 Jul 2016

Modulasitilo wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Letebele Motlogelwa a re ditshupo tsa Boteti ga di a atlega ka lebaka la gore metse e mengwe ga e tsenye letsogo  mo go  tsone le mororo ba rerisitswe.

Rre Motlogelwa a re ditshupo tse ke tsa kgaolo yotlhe ya Boteti e bile motse mongwe le mongwe o na le moemedi mo komiting ya ditshupo. A re go nna teng ga bone ba ka gakololana gore ba ka dira ditshupo tsa kgaolo ya bone botoka  jang

E rile a tlhalosa maikaelelo a ditshupo  tse, a re ga se go gaisana fela, ke go tla go rutana, go tsaya malebela, go ipapatsa ga mmogo le go reka dilo tsa ba ba bangwe.

Rre Motlogelwa a re lefa  ditshupo tsa mono ngwaga disa atlega  di botoka fela thata fa o di  tshwantshanya le tsa ngwaga o o fitileng .

A re mabaka a a dirileng gore di seka tsa bona batho ba bantsi  ke gore gone gona le metshameko ya difofune ya Race for Rhinos  mo kgaolong ya Boteti  kwa Lekhubu  le letsatsi la boitapoloso.

Rre Motlogelwa a re ba paletswe ke tlosolosa ditshupo ka lebaka la gore balemi/barui ba ne ba se tse ba baakantse disupiwa tsa bone.

O supile tshwenyego mabapi le go senngwa ga lebala mo go ba patikang gore ba dire dipaakanyo tse di tseneletseng tse di  ba lopang madi a mantis ngwaga le ngwaga.

Rre Motlogelwa a re maikaelelo a bone ke go tlhabolola lebala la ditshupo ka go gokela motlakase, go aga  holo le go lema ditlhare.

Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane  Legare Rre Molemi Galeragwe yo gape a leng mothusi Modulasitilo wa Khansele potlana  ya Boteti  o ne a leboga komiti ya ditshupo a re  ba dira tiro e tona le ntswa go na le dikgwetlho.

Rre Galeragwe a re o tshwengwa ke batho ba ba sa tleng ditshupong segolo jang banana ntswa ele   gone ko ba ka tsayang malebela mo mananeo a ba a  batlang.

o kopile bagwebi go thusa puso go tlhabolola lefatshe leno ba dira jalo ka go thusa sechaba fa  ba kopa dithuso mo go bone.

 Ditshupo tse dine tsa netefadisiwa ke mabelo a dipitse le a dikuta .

Mabelelo a dibitse a ne fengwa ke pitse ee bidiwang Charmer Gal ya ga  Laone Gabokgowe  ,  a bobedi ane a fengwa ke pitse e e bidiwang  Bolt ya ga Johane Goabamang  ,maemo a boraro a fenngwa ke e e bidiwang Titanic yaga  Letumile Phuthego le Marcopolo ya ga Modisaotsile Gabokgowe.

Dipitse tse ka bone dine ditswa kwa toropong ya Selebi Phikwe di gaisana le tsa Letlhakane.

Bagwebi baba neng ba rekisa dijo bane ba lela ka gore  ga ba a bona dipoelo ka gore batho  ba ne ba sa tla ka bontsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Ditshupo

Date : 04 Jul 2016