Ba tlhobosa lekanana la WUC
04 Jul 2016
Banni ba kgaolo ya Tati Bophirima ga ba kgotsofalele ka fa koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation e ba thusang le ka fa e diragatsang tiro ya yone ka teng.
Mo diphuthegong tsa kgotla tse di sa tswang go wela kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mararo, tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa kgaolo eo mo metseng mengwe ya kgaolo, bontsi jwa banni ba ne ba supa koporase ya WUC ka monwana, ba bolela fa e sa ba jese di welang mabapi le tsa phatlalatso ya metsi.
Mo metseng e ka tshwara lesome ya Tati Bophirima, e e neng ya etelwa ke mopalamente Biggie Butale, banni ba ne ba tlhobosa WUC, ba re e palelwa ke go kgotsofatsa dikeletso tsa Batswana.
Ka jalo, bangwe ba ne ba kopa gore thulaganyo ya phatlalatso ya metsi e amogwe WUC mme e busediwe kwa Water Affairs kgotsa kwa dikhanseleng, go fedisa selelo se Batswana ba tshelelang mo go sone.
Ba ne ba tlhalosa fa WUC e palelwa ke go tsibogela go senyega mo go ka tswang go le teng mo go amanang le phatlalatso ya metsi, ba bolela fa go na le medutlo e e seng kana ka sepe mo kgaolong mme ba WUC go se tsapa le ba fisang pelo go tsibogela seo.
Banni ba tsweletse ba itsise mopalamente wa bone fa WUC e le bonya go gokelela baikopedi metsi mo malwapeng le ntswa ba sa bolo go duela, ba tlatsa ka gore le bao ba ba nang le dipompo mo malwapeng ba lela sa mma iyoo ka jaana ba lopiwa madi a a tsitsibanyang mmele mo tirisong ya metsi.
Bangwe ba re ke nako ya gore WUC e dire thulaganyo ya gore metsi a rekisiwe, fela jaaka go dirwa ka motlakase, ba bolela fa gangwe le gape ba nna ba ikuela ka koporase eo mme puso e sa nke e tsaya kgato epe.
E rile a araba mabapi le dingongorego tseo, modiri go tswa kwa WUC mo Masunga, Rre Mogapi Tau a tlhalosa fa tiego ya kgokelo ya metsi e ne ya bakwa ke go bo ba ne ba nna le seemo sa go senyega ga motshine o o epang mesele, a re mme mo thulaganyong ya gompieno moikopedi o letlelelwa go itlhophela gore o ka ikepela mosele go leka go tila yone tiego e e kalokalo.
Rre Tau a re medutlo e mentsi le yone e na le seabe mo go bakeng tiego eo, ka jaana gangwe le gape ba felela ba tlogela tsa kgokelo ya metsi, go ya go tsibogela medutlo.
Mabapi le dituelo tse di kwa godimo tsa tiriso ya metsi, o ne a rotloetsa banni gore fa go na le dingwe tse ba ka tswang ba di ngongoregela kgotsa ba belaela sengwe, ba ikopanye le ba ofisi ya WUC go tla go lebisisa gore matsapa di a tsaya kae.
Kwa phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Gambule, mokhanselara wa Zwenshambe, Rre Elliot Jonathan o ne a rotloetsa banni go nna ba bega dikgang dingwe kwa go ba ba lebaneng nako e sale teng, go na le go emela diphuthego tsa mopalamente.
Kwa Zwenshabe gone, mogokgo wa sekole sa Zwenshambe JSS, Rre Christopher Nzwalingwa o ne a supa matshwenyego tebang le boitshwaro jo bo makgapha jwa baithuti, jo bo felelang bo diga maduo a thuto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 04 Jul 2016






