Khamphani ya Mascom e rotloetsa monana
04 Jul 2016
Kompone ya dithaeletsanyo ya Mascom e rotloeditse monana wa Mathathane Mme Gakgamalang Makgosa ka ntlo ya ditlhaeletsano e e itsegeng ka lenaneo la Kitsong Centre.
E rile a amogela ntlo eo e e nang le dikhomputara di le pedi, boranyane ja inthanete le motshini o o ntsifatsang dipamiri, Mme Makgosa a re o itumeletse thuso eo go tswa go ba Mascom mme a supa fa a tla thusa morafe wa Mathathane ka boineelo mo ditirelong tse ba di batlang.
A re ene le banana ba bangwe ba bararo go tswa mo Mathathane le Molalatau ba ne ba tsenya ikopelo mme ya re morago ba tsenelela dithuto dibeke tse pedi kwa Gaborone mme a ikaelela gore ga a batle go buwa a iphotlhere.
Mme Makgosa o supile fa e ne ya re kwa kabong dietsele morago ga dithuto leina la gagwe la nna lengwe la ba ba lesome le bone ba ba ikgapetseng ntlwana eo ya boranyane.
O supile fa a ka bo a sa bolo go simolola go rekisa ditlamelo tseo mme tiego e ne ya nna kgokelo ya motlakase.
ºLe fa go ntse jalo o lebogile kompone ya Mascom go mo thusa ka kgwebo eo a re o tlaa e godisa gore a tlhamele banana ba bangwe ditiro. Fa kgosi Maide Manabalala le ene a ne a iteela kompone ya Mascom legofi go bo e thusitse monana yo ka maranyane ao mme a kopa Mme Makgosa go thusa setshaba sa Mathathane ka boineelo ka bangwe ba ba tlaa akolang ditlamelo tseo e le bagodi ba ba sa tsenang sekole ebile ba sa itse sepe ka boranyane.
Morafe le one o ne wa rotloetsa Mme Makgosa go itsolopanya gore banni ba akole ditlamelo tsa boranyane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : MATHATHANE
Event : Thotloetso
Date : 04 Jul 2016






