Ba Scud Missile ba rotloetsa dikgolegelo
04 Jul 2016
Mokgatlho wa Scud Missile Promotions o tsentse letsogo mo go rotloetseng dikgolegelo tsa Botswana.
Seo se supagetse kwa Maun fa mokgatlho oo, o ne o etetse kgolegelo ya Maun go tla go anya botsipa le ditalente ka go farologana tse magolegwa ba nang natso.
Fa a ntsha la gagwe, moeteledipele wa mokgatlho e bile e le ene motlhami wa one, Rre Thuso Khubamang o boletse fa ba lemogile fa go le gantsi batho ba ba kileng ba tsena dikgolegelo ba sa amogelesege sentle mo setshabeng.
A re ba lemogile fa bontsi jwa magolegwa e le ba ba kileng ba tsena ditoronko pele ka jalo a re ba leka go fema seemo sa mofuta oo.
A re ka jalo, ba bona go tshwanetse gore ba tsamae le dikgolegelo go tsoma ditalente tsotlhe tse magolegwa a nang natso go ba thusa go tswelela sentle mo matshelong a bone le morago ga kgolegelo tota.
Rre Khubamang a re fa motho a itshupile bokgoni ba kgona go mo kopela dithuso tse di maleba kwa makalaneng a dithuso jaaka LEA, CEDA, banana le lekalana la bomme.
A re gape ba kgona go rulaganya le ba lenaneo la nyeletso lehuma go thusa fa motho a na le kgatlhego mo go direng kgwebo nngwe.
O tsweletse a tlhalosa fa ba kgona go thusa go buelela ba ba duleng mo kgolegelong ka go ya go ba buelela kwa ofising ya gaTautona gore ba phimolwe menwana e e tsewang fa motho nale molato.
A re gape ba thusa batho ba ba tswang mo dikgolegelong ka go tsamaya mo dikgotleng le go buisanya le balaodi go bua le morafe go amogela batho bao.
Rre Khubamang gape o ne a tlhalosa fa ba le mo thulaganyong e ba e dumalaneng le ba dikgolegelo gore magolegwa a a nang le kgatlhego a ya go tsenelela thulaganyo ya Ikgalemele mo Btv.
“Molato o dirwa ke mongwe le mongwe, kwa malwapeng a re ba amogeleng batho ba ka dipelo tse di tshweu.
Re leka go ba aga sesha le gore ba seka ba nna le boitlhobogo mo matshelong a bone,” a bua jalo.
E ne e rile fa a kgothatsa, mothusa molaodi wa kgaolo ya Bokone-Bophirima Rre Ramogapi Gaborekwe a lebogela ba Scud Missile Promotions go akanya batho ba ba mo kgolegelelong ga mmogo le go thusa puso mo go thuseng ba dikgolegelo.
A re ba tsere kgato e ntle go bopa sesha magolegwa a tlatsa ka gore morago ga kgolegelo ba tlaa ya go tshela botshelo jo bo botoka ba na le kitso.
Mo go la gagwe, mokgothatsi yo mongwe, Mme Bobedi Samoxhose o gakolotse magolegwa fa e se gore Modimo ga o ba rate fa ba le mo kgolegelong kgotsa ba latlhilwe ke setshaba. A re ba moo ka dikgwetlho tsa botshelo tse mongwe le mongwe a ka tsenang mo go tsone.
O gakolotse magolegwa go ikamogela mo go se se ba tsisitseng mo kgolegelong, mme a ba kopa go tshwala dipelo mabapi le se ba se dirileng ga mmogo le go nna le toro ka se ba tshwanetseng go se dira fa ba tswa mo kgolegelong.
Magolegwa ba amogetse lenaneo le ka atla tsoo pedi ba bo ba tshephisa go tokafatsa matshelo a bone ka go inaakanya le ba Scud Missile Promotions. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 04 Jul 2016






