Breaking News

Molelo wa kgolagano o na le bokao mo tumelong

04 Jul 2016

Moruti wa kereke ya Spiritual Healing, Rre Sydney Seswai a re molelo wa kgolagano o na le bokao jo bogolo mo tumelong ya lefatshe leno.  

Moruti Seswai a re molelo o ne o etetse kwa kerekeng ya bone ka Tshipi mo Serowe, a tlhalosa fa o tlaa tsisa lesedi mo diphutegong tsotlhe.

Dikereke ka go farologana ga tsone di ne di phuthegetse kwa kerekeng ya bone ya kobamelo go tla go amogela molelo wa kgolagano. 

Moruti Seswai o ne a re bogologolo dikereke tsa semoya di ne di sa letlelelwe mo lefatsheng leno, a re mme ka Tautona wa pele, Sir Seretse Khama a ne a rata kagiso,   o ne a golola dikereke ka go farologana gore di rapele ka kgololesego.

Kgosi Matlhodi Matlhodi o ne a re Batswana ba tshwanetse go leboga dikgosi tse tharo go bo di lereditse lefatshe leno kagiso e e tumileng thata e bile e eletswa ke ba mafatshe a sele.

A re o eletsa gore molelo o, o kopanye dikgotlana tsotlhe tse di ka fa tlase ga Kgotla ya Maaloso. 

Go ne ga tlhaloswa  fa Kgosi Khama wa boraro, a ne a alosetsa bana ba gagwe teng.

E rile molelo o o goroga ko ntlung ya Efangele, moemedi wa kereke Rre Seabenyana Dichabeng a re ba itumelela molelo  gore o bo o tsile mo ntlung ya bone ya kobamelo. 

O ne a tlhalosa fa ka ngwaga wa 1970, Tautona wa lefatshe leno, Lieutenant General Dr Seretse Khama Ian Khama a ne a abelwa baebele mo kerekeng ya bone, a re ba a kgothala thata fa ba mmona a tsamaya a aba dibaebele mo lefatsheng ka bophara.

A re bone mo kerekeng ya bone, ba rera lefoko fela gore yo o dumelang a tle a bolokwe.

Kgosi Gomolemo Motsokono yo o neng a amogela molelo mo kgotleng ya Basimamane ka Matlhatso, o ne a re ba tlaa netefatsa gore molelo o o tsile go bopaganya morafe.

Molelo wa kgolagano o ile wa tsamaisiwa le mafelo a ditso mo Serowe, a tshwana le sekolo se segolwane sa Semane se se reeletsweng ka mohumagadi wa ga Kgosi Khama, mme e bile Semane a ne a le boikanyego thata mo morafeng. 

Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Masokola, mme Lydia Mmolai a re molelo o o tla ba bonesetsa mo sekolong sa bone  le gore maduo a bone a tla tokafala. 

Modula setilo wa Serowe Printers,Rre Kealeboga Motlhanka a re ba itumelela gore molelo wa kgolagano o bo o tsene mo madirelong a bone, a re ba simolotse ka badiri ba le batlhano mme gompieno ba na le badiri ba le lesome le bosupa, selo se se supang kgolo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : SEROWE

Event : Molelo wa kgolagano

Date : 04 Jul 2016