Breaking News

Ba kopiwa go tsaya karolo go aga bana

04 Jul 2016

Mothusa tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso Rre Moiseraele Goya o kopile batsadi go fa bana ba bone molao go tswa kwa malwapeng mme ba seka ba baya fela mo barutabaneng ka fa ba sa dire jalo go ka thatafalela barutabana.

Rre Goya o ne a bua jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Lerala bosheng. 

A re maitseo a bana bangwe ba sekole ga a kgatlhe ka jalo go tlhokana le gore batsadi ba tseye karolo mo go ageng bana ba bone.

Rre Goya a re seemo sa thuto se wetse tlase ntateng ya gore bana ka bontsi ga ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo e bile ba inaakanya le dilo tse di duleng mo tseleng di tshwana le nnotagi, diritibatsi le go tsena mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sa ntse ba le bannye.

Rre Goya a re mangwe a mabaka a gore thuto e wetse ko tlase ke gore barutabana bangwe ga ba rute bana ka tlhwaafalo fa bangwe ba batsadi ba itlhokomolositse thuto ya bana ba bone.

O ne a kopa batsadi go ne ba thusana go thusa baithuti go dira tiro e ba e neetsweng go e dira kwa lwapeng, a bolela fa seo se tlaa bo se supa boikarabelo.

O tsweletse a re ntswa maduo a dikole a wela tlase, lephata la thuto ga le a itshopara fela mme go na le dilo dingwe tse di dirwang. 

A re lephata la thuto le ne la batla bomaitseanape mme fa ba fetsa ditlhotlhomiso ka seemo sa thuto ba bona fa mabaka mangwe a a digelang maduo kwa tlase e le gore thuto ga e simolole kwa moding. Ka jalo a re lephata la thuto le ne la simolodisa lenaneo la sekole sa bana ba ba botlana go ba suga gore e re ba simolola lekwalo la ntlha ba bo ba setse ba na le lesedi.

A re se sengwe se lephata la thuto le tlaa remelelang mo go sone ke dithuto tsa tiro ya diatla ka di ka kgona go ntsha ba le bantsi mo letlhokong la ditiro. 

A re bontsi jwa ditiro tsa diatla mo lefatsheng leno di dirwa ke batho ba mafatshe a sele mme seo ga se itumedise.

Rre Goya a re mafatshe mangwe a ne a tseela tiro ya diatla kwa godimo mme ke yone e mo nakong eno e ba tshetsang mme lefatshe leno le dirisa batho ba mafatshe ao mo go tsa diatla.

E ne e rile go le pele, Kgosi Sello Moroka wa boraro  wa Lerala a bolela fa maduo a dikole mo motseng wa gagwe a sa kgatlhe gotlhelele. 

A re thuto e digelwa tlase segolo bogolo ke batsadi ba ba senang sepe le thuto ya bana ba bone.

A re go le gantsi bagokgo ba dikole tse di mo motseng wa gagwe ba mo lekodisa ka seemo sa thuto mo dikoleng tsa bone mme ba lela ka batsadi go sa tlholeng tiro ya bana ba bone ya sekole le go sa tseneleleng bokopano jwa batsadi le barutabana.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Keitumetse Baithomi o ne a kopa lephata la thuto go agela barutabana matlo a boroko. 

A re dikole tsa motse wa Lerala tsotlhe ga di na boroko jo bo lekaneng jwa barutabana ka jalo barutabana ba patelesega go nna ba le babedi mo ntlong e le nngwe. 

O ne a lela ka matlwana a boitiketso kwa sekoleng sa Lerala Primary a a seng mo seemong sa go dirisiwa ke bana a bo a lela ka letlhoko la didirisiwa tsa bana ba ba botlana di tshwana le ditafole le ditilo.

Fa a tsibogela dikgang tseo, Rre Goya o ne a bolela fa go tlaa agiwa matlo a le 216 a barutabana mo lefatsheng leno ka kakaretso mme barutabana ba dikole tsa Lerala ba nne ka tsholofelo gore le bone ba tlaa agelwa matlo a boroko.

Mo go ya didirisiwa tsa bana ba ba botlana, Rre Goya a re lephata la gagwe le setse le weditse thulaganyo ya go reka ditilo le ditafole tsa bana ba ba botlana mo dikoleng tse di simolotseng dithuto tsa bana ba ba botlana mme e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo di bo di rekiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LERALA

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Jul 2016