Breaking News

Ba ngongoregela go bolawa ga leruo

21 May 2013

Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba supile matshwenyego ka go bolawa ga leruo fa go na le tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo.

Fa ba bua mo phuthegong ya go rolela megopolo lekoko la palamente le le tlhotlhomisang go sa direng sentle ga matlhabelo a BMC le kwelotlase ya mhama wa nama wa lefatshe leno, banni ba kaile fa go bolaya dikgomo go se maleba ka jaana lefatshe leno le dira molemo o o alafang bolwetse joo.

Mongwe wa banni, Rre Richard Gudu, o ne a ganana le go bolawa ga dikgomo a re go humanegisetsa kwa pele Batswana ba itsholelo ya bone e reketlang ka gale. A re o tshwenngwa ke go bo go nna go tsewa ditshwetso tse di farologaneng fa go na le tlhagogo ya bolwetse.

Moagi yo mongwe, Rre Thomas Mpenya o ne a supa fa matlhabelo a BMC a ne a simolola go ikgatholosiwa fa go bonwa ditswammung. A re seemo se se etesegetse mo dingwageng tsa bosheng fa gape go lemogiwa bokgoni jwa mhama wa bojanala.

Rre Mpenya o ne a gatelela botlhokwa jwa gore le fa gone go tswakanya itsholelo go tlhokega, go se ka ga ikgatholosiwa ditsela tsa go tlhabolola le go aga itsholelo tse lefatshe leno le ntseng le ikaegile ka tsone.

A re go tshwanetse ga lemogiwa gore e re le ntswa mhama wa bojanala o ka nowa moro, ga se Batswana botlhe ba ba kgonang go ikamanya le one mme a supa fa kgomo yone e tswa goo-lowe e le botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, go sa kgathalesege gore ke wa itsholelo e potlana go le kae.

Se sengwe se Rre Mpenya a neng a ngongorega ka sone ke go nna le dithata tse di feteletseng ga botsamaisi jwa BMC. O ne a iteela kobo moroko botlhokwa jwa gore puso e nne le lentswe le le utlwalang mo tsamaisong ya matlhabelo mme seabe sa yone se seka sa felela fela mo go a tsheleleng diketekete tsa madi.

Rre Mpenya o ne a kaya le gore go maleba gore barui ba babotlana le bone ba nne le seabe mo tsamaisong ya BMC. A re kakanyo ya gore ke barutegi fela ba ba ka kgonang go tsamaisa matlhabelo e sokame ka jaana lefatshe leno le agilwe la bo la tlhabololwa ke batho ba dithutego tse di kwa tlase mme ba dirile jalo ka bokgabane.

Sebui se sengwe, Rre John Monyamane, o ne a ikuela gore diphologolo tsa naga tse di mo mafelong a a gaufi le molelwane e nne tsone di bolawang ka di anamisa bolwetse ka go nna di tlolela mono le kwa ntle .

Rre Monyamane gape o ne a otlelela botlhokwa jwa go disiwa ga molelwane ka dinako tsotlhe mo maitekong a go laola malwetse a leruo. A re matlhabelo a lefatshe leno a tlaa tswelela ka go sa dire sentle go fitlhela bolwetse jwa tlhako le molomo bo nyelediwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : Masunga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 21 May 2013