Makhanselara a batla metsi
06 Jun 2016
Makhanselara mangwe a kgaolo-potlana ya Boteti a re a batla gore metsi a gokelwe fa go diragadiwa ditlhabololo kwa South Central cluster.
Ba buile jalo kwa phuthegong ya khansele-potlana ya Boteti, ba re ba ne ba solofetse gore thulaganyo ya go gokelwa ga metsi le kokelo ya Letlhakane di akarediwe mo lenaneong la Economic Stimulus Programme (ESP ).
Ba re go kabo go dirilwe lenaneo la metsi la South Central Cluster pele ga mananeo a mangwe a ba a filweng kwa dikgaolong tsa bone.
Makhanselara gape a re a batla go bona tshimolodiso ya lenaneo la ESP mo kgaolong ya Boteti.
Mokhanselara wa Mopipi, Rre Matshwenyego Shaka, a re banana ba dirile dikhamphani tse ba neng ba rotloeditswe gore ba di dire gore ba tle ba nne le sebaka sa go akola lenaneo la go rudisa itsholelo mme ga go na se ba se bonang.
Rre Shaka a re seemo sa metsi kwa kgaolong ya gagwe se maswe ka jaana metsi a teng a sa siamela go direla bana mashi le balwetse ga ba nwe dipilisi ka one.
Mokhanselara wa Tsienyane Bophirima, Mme Batoli Manyuni a re o ne a solofetse gore polene ya ditlhabololo ya kgaolo ya Legare e tlaa akaretsa lenaneo la metsi la Boteti South Central Cluster.
Mme Manyuni a re o ne gape a solofetse koketso ya matlwana a borutelo mo dikoleng ,matlo a barubana le RAC le kgopho ya metsi a a leswe kwa Rakops.A tswelela ka gore ka lenaneo la ESP go lebelelwe dilo tse di tshwenyang thata mo kgaolong.
Mokhanselara wa Letlhakane botlhaba Rre Ketshwereng Galeragwe a re mo lenaneong la go rudisa itsholelo (ESP) o ne a solofetse gore o tlaa fitlhela sepatela sa Letlhakane le matlo a mapodisi mo lenaneong la ditlhabololo la kgaolo ya Legare.
Rre Galeragwe a re pego ya ESP ga e farologane le lenaneo la ditlhabololo la kgaolo ya Legare a botsa gore di nyalana jang. O ne gape a re pego ya lenaneo la ditlhabololo ga le supe gore mo kgaolong ya Boteti go ya go dirwa eng kae.
E rile fa a ba araba, morulaganyi wa tsa itsholelo wa khansele ya Boteti, Mme Kenosi Batlhoki a re ba kgothatsa gore ba seka ba itlhoboga ka gore lenaneo la ESP ke la dingwaga tse tharo ka jalo ngwaga wa madi mongwe le mongwe o ya go nna le madi a one.
Mme Batlhoki o supile gore maikaelelo a lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ke go kgorometsa melala ya mananeo a a neng a saletse kwa morago ka ntlha ya kwelotlase ya itsholelo mo kgaolong le lefatshe leno ka bophara.
A re ke sone se se dirang gore mananeo mangwe a a mo lenaneong la ditlhabololo la khansele a bo a bonala gape le mo lenaneong la ESP.
Mme batlhoki a re lenaneo la SHHA le akareditswe mo ESP e le go leka go kgorometsa mola o o saletseng kwa morago wa baikopedi. A re kgang ya sepatela sa Letlhakane kompone ya Debswana e solofeditse gore e tlaa thusa ka go tsenya dikarolo dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Phuthegong ya khansele-potlana ya Boteti
Date : 06 Jun 2016






