Breaking News

Geniet Met Ons ga e na molekane

06 Jun 2016

Go ne go sha logong go sala molora jaaka ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng tsa mmino wa Polka di ne di iteisana borathana go  ipatlela phatlha go ya kwa dikgaisanong tsa makgaolakgang mo malatsing a ga Tautona kwa toropong kgolo Gaborone tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang ya Phukwi.

Ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng mo lefatsheng leno di akaretsa Ngamiland, Borwa, Kweneng, Ghanzi, Bokone Botlhaba,  Borwa Botlha, Kgalagadi, Legare le tse dingwe  tsa mmino wa Polka di ne di thulanye ka Matlhatso beke e e fetileng mo Tsabong.

Setlhopha sa Geniet Met Ons go tswa kwa Gakhibana se ne sa supegetsa ditlhopha tse dingwe gore mmino oo wa Polka  ke wa Kgalagadi ka go feta ka tse di tsididi  go ikgapela maemo a ntlha ka masome a robabobedi le bone mo lekgolong.

Ba ne ba longwa serota ke setlhopha sa Remmogo  go tswa  Ghanzi ka masome a robabobedi, mo lekgolong, maemo a boraro a ne a gapiwa ke ba Kalahari  Dancers ka masome a supa le borobabongwe mo lekgolong go tswa Struizendam mme setlhopha sa Gareng ga dithota sa Khawa sa ikgapela maemo a bone ka masome a supa le borobabobedi mo lekgolong. 

Mo molaetseng wa gagwe wa kgothatso, mothusa mokwaledi mo lephateng la kgaso le dikitsiso Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o kaile fa  mmino wa Polka o o simologileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa o kopantse merafe ee farologaneng mo lefatsheng leno  ka go o kgatlhegela go o ithuta go o bina.

Rre Kaboeamodimo o buile se ka Matlhatso mo letsatsing la dikgaisano tsa mmino oo tsa go ipatlela phatlha go ya dikgaisanong tsa bofelo  kgwedi e e tlang ya Phukwi kwa Gaborone.

Rre Kaboeamodimo yo e neng e le sebui sa tlotla sa letsatsi leo  o boletse fa mmino wa Polka o tsamaelana le molelo wa kgolagano ka go tshwaraganya le go kopanya  tshaba ya lefatshe leno gore e bopagane.

A re mmino oo wa Polka  ka go melediwa mathe ke Batswana ba bangwe, o nyeleditse bokgakala jwa  kgaolo ya Kgalagadi  ka batho bangwe ba ne  ba akanya gore go kgakala mo ba ka sekeng ba kgona go  goroga teng, a kaya fa papisa e ya “o moleele jaaka tsela ya Kgalagadi” gape  e ne e rurifatsa seo.

Mothusa mokwaledi mo lephateng la kgaso le dikitsiso o ne a kaya fa Batswana ba tshwanelwa ke go rolela hutshe  Tautona wa lefatshe leno  ka maiteko a go tlotlomatsa ngwao, go e  sireletsa, go e  tlhabolola, go e tshegetsa le go e diragatsa gore e seka ya nyelela mo merafeng e e farologaneng mo lefatsheng leno.

A re mafelo a a okang bajanala a a tshwanang le Camel Park, Khawa Dune Challenge, Polka Festival mo kgaolong ya Kgalagadi borwa  a simolodisitswe ke Tautona wa lefatshe Lt  Gen. Dr Ian Khama Seretse Khama  ka go tseela kwa godimo mmimo wa Polka le go tsholetsa serodumo sa one mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

 O ne a gakolola ditlhopha tsa mmino oo  go tla ka maikaelelo a go tla go ithuta le go kopa mmino o e leng wa nnete e seng fela go tla go lwela go fenya, a tlatsa ka go ba kgothatsa go dirisa madi a ba atswiwang ka one ka fa go tshwanetseng ka teng  ka go tlhabolola ditlhopha tsa bone ka go di rekela tsa  kapari le didirisiwa tse dingwe.

Rre Kaboemodimo o ne a gatelela thata ka go rotloetsa ditlhopha go ikwadisa mo lekgotleng  la Botswana Music Union (BOMU)   ba itshwaragantse  le   ba diofisi tsa ga molaodi le tsa lephata la banana metshameko le ngwao tse di mo dikgaolong tsa bone ka seo se ka ba solegela molemo ka go oba letsogo  fa di letswa mo seromamoweng le thelebeshine ya Botswana.

Fa a tswa la gagwe molomaganya ditiro mo lephateng la banana metshameko le ngwao Mme Malebogo Mosala, o ne a bolela fa mmino wa Polka o o tumileng mo kgaolong ya  Kgalagadi Borwa o gola  ngwaga le ngwaga.

 A re  ngwaga ono ditlhopha di le masome a mabedi le boferabobedi di ne iteisana borathana, a kaya fa mme o simologile ka ditlhopha di supa  fela tsa Kgalagadi Borwa.

Mme Mosala o ne a tlhalosa fa ngwaga ono madi a ditlhopha tse nne a di atswiwang ka one  tse di tlaa fenyang kwa legatong la bofelo a okeditswe ka  P30 000 maemo a ntlha, maemo a bobedi ke P25 000, P22 500 a boraro  fa sa bone sone se tlaa neelwa   P20 000.

Fa a leboga, mokhanselara wa Tsabong bokone, Rre Mmuso Kgannyeng o ne a gakolola ditlhopha tse dingwe tse di tla retelelwang ke go fetela kwa pele    go ema nokeng ka go tlotla le go gakolola ditlhopha tse di tlaa fenyang ka seo se ka thusa thata mo go godiseng mmino oo go ya pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ka Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Dikgaisano tsa makgaolakgang tsa Polka

Date : 06 Jun 2016