Mokolwane o tshegeditse bomme
30 May 2016
Bomme ba Motlhabaneng mo kgaolong ya Bobirwa ba itshetsa ka go loga ditlatlana, dipheelo, mebanki le dihutshe.
Fa a bua mo potsolotsong, Mme Phoko Ramofi, o tlhalositse fa a dirisa setlhare sa Mokolwane go loga ditlatlana le mebanki eo.
O tlhalositse fa letlhoko la ditiro le go batla madi e le tsone di mo pateleditseng go simolola go loga.
O tlhalositse fa madi a a dirang ka go loga a kgona go reka dijo, diaparo ga mmogo le go rekela bana paka ya sekole.
Mme Ramofi a re tiro ya go loga o tswa le yone goolowe e bile ke yone e mo dirileng se a leng sone.
O tlhalositse fa tiro ya go loga e se motlhofo ka jalo a supa fa e tlhoka lerato le boineelo.
A re o dirisa setlhare sa sekgophana gammogo le makwati a setlhare sa Monyee go dira motako wa mokolwane
Mme Ramofi a re mebanki le ditlatlana tse a di logang ke tsa boleng jo bo kwa godimo, a tlatsa ka gore bosupi ke gore bontsi jwa tse a setseng a di rekisitse ga go epe ya tsone e e kileng ya boa.
Mme Ramofi o tlhalositse fa ditlatlana tse a di dirang a di rekisa P10, P20 kana P30 go ya kwa go P50 fa mebanki yone a e rekisa P300.
A re ditlatlana, dipheelo kana mebanki ya gagwe di rekiwa ke makgoa a dipolase le badiri ba mafelo a bojanala jaaka Tuli Lodge le Mashatu Game Reserve.
A re letlhoko la didirisiwa tsa itshireletso jaaka diatlana le mmeile ka fa mosing ka a dirisa dilo tse di borai jaaka thipa le thoko go loga.
Mme Ramofi o tlhalositse fa mokolwane o a o dirisang a o tsaya kwa Makadibeng go bapa le Motlhabaneng.
A re go bapala mokolwane ke selo se se thata, a tlatsa ka gore ba dirisa dithipa tse ditona e bile gape go le borai ka lefelo la teng le pitlagane ka lebaka la bojang le ditlhare.
Mme Jane Mfolwe ene o tlhalositse fa letlhoko la mmaraka le koloi go rwala mokolwane go mmeile ka fa mosing.
O tlhalositse fa dilo tse a di logang di felela di senyegile kana di latlhegetswe ke boleng ka di nna lebaka le le leele di sa rekiwe.
Mme Mfolwe a re o eletsa fa maphata a puso a ka mo etleetsa go tsena diphadisano di tshwana ditshupo gore a kgone go supa disupiwa tsa gagwe gore le ene a itsege.
O tlhalositse gape fa a ka itumela thata fa a ka rutuntshiwa gore kgwebo ya gagwe e kgone go tswelela pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : Motlhabaneng
Event : Potsolotso
Date : 30 May 2016






