Puso e ikiteile sehuba
29 May 2016
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Themba Mmusi, o tlhalositse fa puso e ikiteile sehuba go netefatsa gore e namola Batswana mo lehumeng.
Fa a bua kwa kalosong ya ba ba neng ba atlega fa ba ikopela mananeo a nyeletso lehuma kwa Kweneng, Dr Mmusi o supile fa maikaelelo e le go fedisa melala ya go aba mananeo.
Go tlhalositswe fa go alogile ba le makgolo a marataro, masome a marataro le bosupa mme Dr Mmusi a re go santse go emisitswe ikwadisetso mananeo ele tsela ya go leka go kgarametsa melala.
O tlhalositse fa katlego ya ithutuntsho e, e le seabe sa ba tsaya karolo jaaka maphata ka go farologana.
Motsamaisa mananeo a nyeletso lehuma mo kgaolong ya Kweneng Botlhaba Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe o tlhalositse fa dithuto tse di dirilwe mo dibekeng tse pedi.
Ba tsena dithuto tseo ba ne ba rutiwa go rua dihutshane le tlhokomelo ya tsone, thuo ya dikoko tsa nama ga mmogo le thuo ya dikoko tsa mae.
O tlhalositse fa ba setse ba reboletswe madi a go tsamaisa mananeo, a tlatsa ka gore ba setse ba bone dipodi di le sekete le makgolo a robabobedi.
Fa a tsibogela seemo sa letlhoko la metsi mo kgaolong, Rre Kwelagobe o tlhalositse fa go tlaa dirisiwa didiba tsa puso ba bo ba nosetsa barui ka ditlhophana.
Mongwe wa ba ba neng ba aloga, Mme Banyana Perekisi wa dingwaga tse 52 o tlhalositse fa a ithutile ka go ruela dipodi kgwebo.
O tlhalositse fa a tsere le bogakolodi jwa gore thuo ya dipodi e batla bopelotelele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thandie Keitumetse
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego
Date : 29 May 2016






