Somarelang tumelo
19 May 2013
Batswana ba gakolotswe go somarela tumelo ya bone, segolo bogolo ka molao motheo wa lefatshe leno o letla mongwe le mongwe go obamela Modimo ka tshosologo.
Mafoko a a builwe ke Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe fa a buisa kokoano ya maloko a khwaere ya kereke ya UCCSA a Broadhurst kwa moletlong wa dijo wa go kokoanya madi, ka Labotlhano mo Gaborone.
Dr Kedikilwe a re molao motheo wa lefatshe leno o kgothatsa mongwe le mongwe go rapela ka loleme la ga bone gongwe le gonwe fa a leng teng.
Le fa go ntse jalo, a re ga se tumelo fela ele nosi e badumedi ba tshwanetseng go bonwa ka yone. A re ba tshwanetse go bonwa ka ditiro tsa lebole, lorato le bopelotlhomogi le go oketsa bothitho jwa bokaulengwe.
Dr Kedikilwe a re tumelo e ba kereke ya Lontone ba e supang ya go kokoannya madi go thusa ba ba tlhokileng lesego ke yone tumelo e e nang le ditiro.
A re thotloetso e Batswana ba e fiwang ke molao motheo ya go letlelela ditumelo tse di farologanyeng, ba tshwanetse go e itumelela ga mmogo le gore gongwe le gongwe fa ba kokoanyeng teng mo ditirong tse di farologaneng go nne le neelano.
“E re fa le le mo diphitlhong go nne gotwe a ko o ntshe pina ya Wesele foo, ako o ntshe ya Lontone hoo, ya Sione hoo, ya Roma hoo, selo se se sa diregeng gope mo mahatsheng a le mantsi segolo bogolo a gompieno a batho ba bolaanang ka ntata ya tumelo,” ga bua Dr Kedikilwe.
Modulasetilo wa UCCSA Synod, Rev. Keneilwe Kgerethwa a re ba motlotlo go boba ikemiseditse go tsaya loeto lwa ditiro tse di molemo.
“Botho ke go bona motho yo mongwe a tlhoka mme o nne thuso ya gagwe e e gaufi thata mo tlalelong.” A re o itumelela botho jo bo supilweng ke maloko a kereke ya UCCSA ka jaana ba dumela mo go reng ga ba kake ba itumelela go obamela Modimo fela, ntswa bangwe ba bone ba tshelela mo tshotlegong, ba sena bonno le seriti.
Mangwe a maikaelelo a moletlo o, e ne e le go kokoanya madi a a kanang ka P160 000 go agela Mme Kooagile Tshwanelo wa mona-le-bogole ntlo kwa Sefophe, e ba solofelang gore e bo e weditswe ka Sedimontlhole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Moletlo
Date : 19 May 2013






