Breaking News

Go botlhokwa go kwadisa matsalo le dintsho

18 May 2016

Tona wa Lephata la Pereko le Merero ya Selegae, Rre Edwin Batshu, o kgothaditse banni ba Pallaroad, Poloka le Dibete go kwadisa matsalo le dintsho.

Tona Batshu o buile mafoko a, fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng eo ka Mosupologo.

O ne a tlhalosa gore e le ba lephata le le okametseng kwadiso ya matsalo le dintsho ke boikarabelo jwa bone go bona gore molao o o a diragadiwa.

A re Batswana ba tshwanetse go itse bomosola jwa go kwadisa matsalo a ngwana le fa motho a tlhokafatse ka gore ditlhabololo di ikaegile ka dipalo tsa batho ba ba tsholwang.

O ne a tlhalosetsa banni gore molao wa kwadiso ya dintsho le matsalo o mongwe fela, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang mo lefatsheng leno o tshwanetse go kwadisiwa go nna le setlankana sa matsalo matsatsi a le masome a marataro a sena go tsholwa e seng jalo motsadi o tlaa bo a tlodile molao.

Ka molao wa dintsho, o ne a tlhalosa gore go tshwanetse ga bo go setse go kwadisitswe malatsi a le masome a mararo a ise a wele go supa fa motho a tlhokafatse.

Rre Batshu o ne a tlhalosa gape gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go dira karata ya Omang go rurifatsa tota fa e le Motswana, a kaya gore ngwana fela fa a nna dingwaga di le lesome le borataro o tshwanelwa ke go direlwa Omang malatsi a le masome a mararo a ise a wele e seng jalo ke molato.

E ne e rile go le pele, kwa Pallaroad, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse, Mme Segametsi Mangope a tlhalosa fa banni ba motse wa bone bogolo jang ba ba nnang kwa masimong le kwa merakeng ba sena dikarata tsa Omang.

Mme Mangope a re kgang e e a tshwwenya fela thata mo motseng wa bone ka e bile batho ba go nna jalo e le bagodi.

A re motse wa Pallaroad o dikaganyeditswe ke meraka le masimo ga mmogo le bontsi jwa batho ba ba nnang teng, mme ba tla motseng fela fa ba tla go batla dithuso tsa bongaka ntswa ba sena bo Omang mme ba sokodisi baoki ka ba sena bo Omang.

Mme Mangope o ne a tlhalosa gape le ka bana ba ba senang ditlankana tsa matsalo  e bile gape ba sena batsadi mme go nne bokete gore ba ka dira dikarata tsa Omang.

A re kokelwana ya bone ga e na mooki yo o belegisang  e bile gape ga ba na le yone koloi ya kokelwana go ka thusa balwetse go ba isa Mahalapye.

Kwa Dibete gone, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Ronald Tsholofetso o ne a ikuela mo go Tona Batshu gore ba tshwenngwa ke seemo se batsadi ba ntshang bana mo dikoleng go ya go kgetla bojang.

Rre Tsholofetso a re seemo se a tshwenya fela mo motseng wa bone mo jaanong ba emeng ka dinao go tlhama komiti e e tlaa itebaganyang le kgang e. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgati

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 May 2016