Go itshidila mmele go ka fokotsa bokoa
18 May 2016
Modiri wa Lephata la Banana, Ngwao le Metshameko, Mme Tshepiso Magola, a re lephata la gagwe le dirile thulaganyo ya go itshidila mmele le banni ba metse ya Bokone Botlhaba ka Labotlhano wa bobedi kgwedi le kgwedi.
A re letsatsi le la itshidilo mmele le ka thusa fela thata segolo jang mo bagoding ba ba tshabelelwang ke makoa a a tsamaelanang le dingwaga tsa bogodi.
E rile a bua kwa letsatsing la itshidilo mmele kwa Sekakangwe bosheng, Mme Magola, re go itshidila go ka thusa go thibela malwetse.
A re motho o nna a le matlhagatlhaga mo go tsotlhe tse a di dirang morago ga itshidilo.
Mme Magola o rotloeditse banni ba motse oo go ipopa setlhophana mme ba tswelele ka go itshidila, e ka nna ka go pagama thaba kana go kopa mongwe yo o nang le kitso ka tsa itshidilo go ba rutuntsha.
A re go itshidila mmele ga se ba ba nang le madi fela, fa motho a na le keletso o kgona go nna e re phakela le phakela kgotsa maitseboa a bo a bapisa tsela a taboga.
Kgosana ya motse oo, George Mbulawa o lebogetse thulaganyo ya ba lephata la banana, metshameko le ngwao ka e tlaa thusa ba le bantsi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
A re bontsi ba mo lefifing, ga ba itse botlhokwa jwa go itshidila mmele, fa bagolo bone ba tsaya gore ke tiro ya banana fela.
A re fa motho a itshidila ka dinako tsotlhe mmele o nna le botshelo ka madi a kgona go tsamaya sentle, a tlatsa ka gore mmele le one o a thaphologa.
Kgosana Mbulawa a re go tlhoka go itshidila le gone go na le seabe mo go kgaoleng dingwaga tsa batho, a re mmele o tsofala ka bonako ka o tlaa bo o tshabelelwa ke malwetse, mangole a kgwetlha ga mmogo le one madi a sa tsamae sentle.
E rile a tswa la gagwe, mooki Mme Eppifania Ncube, ene o supile fa go itshidila mmele go dira gore tlhaloganyo e bereke sentle. A re gape motho yo o tshelang ka go itshidila ga a lebale motlhofo.
Mme Ncube a re go thusa gape go lwantsha bolwetse jwa pelo, go thapolola ditshika mo mmeleng, go baakanya mokwatla e bile go thapolola mmele.
A re motho o nna a itumetse ka nako tsotlhe morago ga itshidilo e bile go thusa bomme segolo jang ba ba tshabelelwang ke ditlhabi fa ba bona setswalo.
O tsweletse ka gore o solofela fa jaanong dipalo tsa balwetse di tlaa fokotsega kwa kokelwaneng ka banni ba motse wa gagwe jaanong ba tlaa simolola go tsaya itshidilo ka tlhwaafalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : SEKAKANGWE
Event : Letsatsing la itshidilo mmele
Date : 18 May 2016






