Molefi o tshwere phage ka mangana
18 May 2016
Bogogi jwa sekole se segolwane sa Molefi kwa Mochudi bo tshwere ka thata go lwantsha tiriso botlhaswa ya ditagi mo sekoleng seo.
E rile a bua kwa thuto puisanong e mo go yone bagolwane ba sekole seo ba neng ba laleditse ba sepodisi sa Botswana, makhanselara le ba ofisi ya thuto mo Kgatleng, mongwe wa barutabana ba dithuto tsa bokaedi le bogakolodi Rre Paul Motshegwe a re tiriso ya ditagi e ile magoletsa.
O boletse fa e ne ya re bosheng ba tshwara bana ba basimane ba borobabongwe ka motokwane mme e bile ba o rekisetsa ba bangwe mo sekoleng a tlatsa ka gore le bojalwa ba a bo nwa.
A re ba tshwere bothata ka boitshwaro jwa bana ba basimane jo bo sa kgatlhiseng a tlhalosa fa le dithuto tsa bone ba sa di tsene sentle a re ba diiwa ke gone go goga motokwane.
Rre Motshegwe o ne a bolela fa baithuti ba na le mokgwa wa go nna mo mmolong fa sekole se tswa mme ba felela ba lwa le ba bangwe a tlatsa ka gore basetsana le bone ba ne ba tshwerwe ka dithoto tsa bogodu beke e e fetileng.
Fa a tswa la gagwe, Rre Johannes Molefe go tswa kwa lekalaneng la Diamond and Narcotics Squadla sepodisi o boletse fa ba lemogile gore tiriso botlhaswa ya ditagi mo dikoleng ka go farologana e ile magoletsa.
A re ba lemogile gore bontsi jwa baithuti ba ba dirisang ditagi ke basimane.
Rre Molefe o ne a tsibosa baithuti ka bodiphatsa jwa go inaakanya le ditagi a supa fa kotlhao ya ntlha fela e le go kobiwa mo sekoleng mme a supa gape gore go dirisa ditagi go ama tlhaloganyo ya motho.
O ne a tlhalosa gore go tshwarwa ka ditagi fela o sa di dirisa ka nako eo segolo thata motokwane ke molato a tlatsa ka gore mo Botswana, ga gona ope yo o letlelelwang go gweba ka one.
A re fa motho wa go nna jalo a tshwarwa, o lebisiwa molato wa kgolegelo kana a atlholwa madi kana dikatlholo tseo ka bobedi mme o ne a supa gore o utlwisiwa botlhoko ke gore batsadi bangwe ba na le mokgwa wa go neela bana ditagi.
Rre Molefe a re seo ka bonosi se senya botshelo jwa ngwana ka gore fa ngwana a setse a simolotse ditagi go thata gore a emise mme o ne a rotloetsa bana ba sekole seo go ikgapha mo ditaging. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Thuto puisanong
Date : 18 May 2016






