Breaking News

Sekole se amogela dimpho

18 May 2016

Itekanele le Barclays Life di abetse baithuti ba sekolo se sebotlana sa Moralane dimpho, di akaretsa dikobo, melora, diaparo le dijesi tsa sekole bosheng.

Mogokgo wa sekole, Mme Cathrine Tlhabatshe, a re go a itumedisa go bo go na le bagwebi ba ba nang le kgatlhego mo matshelong a bana ba metse e e kgakala le ditlamelo.

Mme Tlhabatshe a re ga se gore dikhamphani tse di ba abela ka gore di na le go le gontsi mme ba aba ka  ba na le lerato le maikaelelo a go fetola matshelo.

A re ba na le dikgwetlho tsa bana ba ba tlhokang tlhokomelesego ya batsadi ka bontsi jwa bone ba nna kwa merakeng mme bana ba kgona  go tlhoka le yone paka ya sekole tota.

A re dimpho tse ga di tle go thusa bana mo serameng fela mme di tlaa dira gore ba ikutlwe ba le botlhokwa.

Mme Tlhabatshe a re botsalano jwa bone le Itekanele bo simolotse dingwaga tse tharo tse di fetileng mme ba bone dithuso tse dintsi fa e sale nako eo.

Moemedi wa Itekanele, Mme Gaone Letshwiti a re ba na le maikaelelo a go tlhabolola matshelo a bana ba Moralane gore dokgwetlho tse ba kopanang le tsone di seka tsa ama bokamoso jwa bone.

Mme Letshwiti a re go nna kgakala le ditlamelo go kgona go baya baithuti ka fa mosing ka botshelo jo ba bo tshelang bo le thata mme bo ka tsisa boitlhobogo.

A re go na le dilo di le dintsi tse di dirang gore maduo a moithuti a nne a a nametsang mme letlhoko la batsadi e nna nngwe ya tse di nang le seabe.

A re ba bone go tshwanela go kopa thuso ya go pataganela sekole se le Barclays Life ka go sa ntse go le gontsi mo ba tlaa go dirang mo sekoleng se. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Barati Masigo

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo dimpho

Date : 18 May 2016