Breaking News

Kgosi o kopa morafe go emisa go tshwara ditlhapi

17 May 2016

Mo botshelong go na le methale e le mentsi ya go iphataphatela go na le go ineelela borukutlhi.

E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Nokaneng bosheng, Kgosi Kebonyetsala Fish, o ne a supa ikuelo le kgalemo mo morafeng wa gagwe gore ga a itumedisiwe ke dipalopalo tsa batho ba ba tsweletseng ka go tshwara ditlhapi ba sena teseletso ko letsheng la Ngami le ntswa go tswaletswe.

Kgosi Fish wa Nokaneng, o kaile fa seemo se se ile magoletsa e bile se tlhobaetsa segolo-bogolo mo bangweng ba morafe wa gagwe.E re ntswa ditlhapi di le bogadi bo gaufi e bile di busetsa lemme le le botoka, Kgosi Fish o buile a sa kgwe mathe gore go gotlhagotlhana le puso go ka tsenya batho mo mathateng.

“Ga ke itumedisiwe ke batho ba ba tsweletseng ka go tsoma ditlhapi ko letsheng la Ngami. Batho ba ba a iphitlha, ba nna mo teng ga dikoma ba tshaba mapodisi mme se se borai fela thata mo matshelong a bone.Se, ga se yone tsela e e lolameng ya go ipatlela botshelo,” kgosi a gatelela.

Kgosi Fish o rotloeditse banni ba Nokaneng go tshwara ditlhapi ko mafelong a mangwe ko go buletsweng teng jaaka Shakawe, go itsa tlolo molao ka ba ka tseelwa dikgato tse di maleba.Gangwe le gape, o rotloeditse barui go tlhokomela leruo la bone, ba le ntshe mo mekgwatheng ba bo ba le tlwaetse masaka go itsa gore di tlole molelelwane/terata e e kgaoganyang dinare le batho (buffalo fence).

Jaaka e le tlwaedi, fa di ka tlola molelwane/terata, molao o letla gore di bolawe mme seo e nne poelo morago mo moruing.

Kgosi Fish o lebogile puso go bo e tsentse letsogo mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya gagwe, gangwe le gape o lebogela lemme la phimolo dikeledi ya P700 e e neelwang barui fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo tsa naga. O kaile fa se, e le tokahatso maduo e kgolo ka phimolo dikeledi e kile ya bo e le P400 mo nakong e e fetileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Segolame Seidisa

Location : NOKANENG-

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 17 May 2016