Boipuso bo butse diphatlha
17 May 2016
E re ka gotwe o le aramele le sa go tlhabetse, Batswana ka bontsi ba inaakantse le go dirisa sebaka sa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a boipuso go itirela matshelo.Mo Shoshong, mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go dira se ke Rre David Kgamane yo o bopang didirisiwa tse di farologaneng a bo a di taka ka mebala ya folaga ya Botswana go di rekisa.
Rre Kgamane a re o lemogile fa Batswana ba na le keletso le lerato la go supa fa ba le motlotlo ka lefatshe la bone, ba dira se ka kapari, go nna le difologa le go kgabisa ka ditshwantsho tsa babusi ba bone jaaka botautona.
A re o ne a bona go na le phatlha mo ntlheng ya mekgabisa, mme se sa mo gwetlha go bopa mekgabisa e tshwana dinkgwana, mabeelo a dithunya le tse dingwe ka maikaelolo a go di rekisa.
O tlhalositse fa theko ya tse a di dirang e nametsa ka a kgona go itirela madi a itshetso, a tlatsa ka gore ene ke motho yo o ratang go boloka, ka jalo he o tsweletse ka go boloka madi go ipaakanyetsa ditiragalo tsa tshoganyetso di tshwana tlhagogo ya bolwetse kgotsa loso.
A re gape tiro e ya gagwe e mo thusa go mo ntsha bodutu ka a nna a le nosi, e bile go mo fokoletsa go sasanka le motse a sa dire sepe se se nang le mosola.
Rre Kgamane yo e leng molekane wa Botswana a re kwa ntle ga dipoelo tse a di bonang, o motlotlo ka tiro e ya gagwe ka e mo thusa go tsenya letsogo mo go phepafatseng tikologo ka gore o dirisa dipampiri tsa dikgang tse di latlhilweng.
O weditse ka gore; ‘Botswana yo montle e bile a kgatlhisa ke Botswana yo o phepa.’
Monni yo mongwe wa Shoshong, Mme Gobopamang Tapologo wa dingwaga tse di masome a supa le boferabongwe, a re le ene erile go bona botshelo bo shenne meno, a tswa ka maano a go intsha mo lehumeng ka go roka a bo a rekisa dilwana tsa mmala wa Botswana.
Mme Tapologo a re o roka dibeke, ditshega, makgabe, dibaki le tse dingwe tse batho ba mo laelang gore a di ba direle mme a ba lope dituelo tse di mo kgontshang go thiba diphatlha fale le fale mo botshelong ja gagwe.
A re mo nakong ya gompieno, o roka dithai tsa bananyana ba sekole tse a reng o kopilwe ke barutabana go di dira gore batsadi ba tle ba di reke e tle e re ka letsatsi la boipuso ba bo ba kgabile ka tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : SHOSHONG
Event : Potsolotso
Date : 17 May 2016






