Breaking News

Banni ba Machaneng ga ba ipone tsapa

16 May 2016

Banni ba Machaneng kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba akgoletswe go tshegetsa mowa wa boithaopo.

Modulasetilo wa komiti ya tsa bogakolodi mo go tsa botsogo kwa kokelong ya Sefhare e bile e le monni wa Machaneng, Rre Tshupo Noge, o ntshitse kakgolo e mo potsolotsong bosheng.

Rre Noge a re e rile morago ga go anamisa molaetsa o o tswang kwa khanseleng potlana ya Mahalapye wa gore metse e simolole go phepafadiwa go baakanyetsa dikgaisano tsa bophepa tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga, banni ba Machaneng ba seka ba ipona tsapa. O boletse fa banni ba tsweletse ka go phepafatsa malwapa a bone e bile ba tsiboga fa ba bilediwa go tla go sela matlakala mo motseng.

Rre Noge a re maikaelelo a bone ke go bona Machaneng a balwa mo maineng a metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepa monongwaga.

A supa fa mo dingwageng tse di fetileng Machaneng a ne a balelwa kwa morago ka banni ba ne ba sa tsee molaetsa wa bophepa tsia.

Rre Noge o tsweletse ka go bolela fa a eletsa go bona mowa oo wa go itirela le boithaopo o tsweletse le morago ga dikgaisano.

A re fa batsadi ba mo nakong ya gompiemo ba ka fetisetsa mowa oo mo baneng ba bone, le bone bana bao ba tlaa o amusa dikokomane tsa ka moso.

O ne a bolela fa tikologo e e phepa e le botlhokwa mo botsogong ja setshaba.

O rotloeditse banni gore jaaka ba tsweletse ka go dira tiro e ntle e, ba dirise mafelo a a kgethetsweng go latlhela matlhakala le gore ba nne le mafuti a matlakala mo malwapeng a bone.

A re ba ikgaphe mo mokgweng wa go tshuba matlakala ka seo e le molato gape mosi wa matlakala o kgotlela loapi.

Rre Noge o boletse fa ba khansele ba tlaa nna ba bitsa diphuthego go tla go fa banni tsamaiso e e siameng ya go phepafatsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : MACHANENG

Event : Potsolotso

Date : 16 May 2016