Breaking News

Balemi ba Matombomasha ba abelana dithuto

16 May 2016

Molemi wa masimo a Matombomashaba, dikhilomithara di ka nna lesome le botlhano go tswa kwa Tutume, Rre Enock Tsholofelo o akgotse puso ka go thusa balemi ka lenaneo la Intergrated Support Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD).

Rre Tsholofelo o buile seo ka letsatsi le le neng le rulagantswe ke balemisi le maloko a komiti ya balemi ba kgotla ya Magapatona la go tsamaya ba bona masimo a balemi go tsaya malebela bosheng.

A re ka lenaneo leo o kgonne go phaka dipeo a ba a  lema diekere tse di lesome le borobabongwe. 

O ne a galaletsa lenaneo leo le dithuso le dikgakololo tsa balemisi.

Rre Tsholofelo, yo o dingwaga di masome mane le boraro, a re lantlha fa a simolola temo ya gagwe o simolotse a jala ka go gasa.

O tlhalositse gore erile mo ngwageng o o latelang a lekeletsa ka go jala ka ditselana mme thobo ya gagwe e ne ya nna ntsi go feta nako e a neng a jadile ka go gasa.

A re seo se ne sa dira gore monongwaga a leme thata ka o kgonne go lema ditema di le lesome le boraro tsa mabele tse a solofetseng go ntsha dikgetsi tse di makgolo a mararo kana go feta.

O ne a bolela fa tse dingwe ditema a jadile mmidi ka e le one o ne wa dira bontle fela thata e bile a kgonne go rekisetsa dikole. 

A re o setse a rekiseditse ba lekalana la Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) dinawa.

Rre Tsholofelo o ne a rotloetsa banana go tsena mo temong, a gatelela ka gore temo e a busetsa. 

A  re le ntswa a na le kwa a theogelang teng ga go na letsatsi le le fetang a sa ya kwa tshimong ya gagwe go bona gore dilo di tsamaya sentle.

O tsweletse a supa fa mo kgaolong ya bone ba sa tsosiwa ke kgang ya beng ba diterekere ka ba lopa madi a ba reng ke a leokwane a P400 ekere mme gape ka fa ba duelwa ke puso ditema tse ba di lemetseng batho.

Rre Tsholofelo a re kgang eo ya leokwane ke yone e e dirang gore balemi ba retelelwe ke go lema ka bangwe ga ba na madi seo ba felela ba lema tema e le nngwe kana go tlhoka go lema gotlhelele ntswa ba na le keletso.

Mongwe wa tshimo e e neng e kgatlhisa thata, Mme Panyeletso Charlie yo ene a neng a dirisa dikgomo go lema, o boletse fa a ne a jala ka seatla a tlhosetsa peo.

Mme Charlie a re e sale a tsaya bogakolodi jwa balemisi jwa go lema ka ditselana le go tsenya monontshane mo tshimong maduo ke a a kgatlhisang thata.

A re e bile ene o kgona go dirisa mogoma wa dikgomo go tlhagola.

A tlhalosa fa a apesa dikgomo tsa gagwe tse a di golegileng wairi e e logilweng gore di seka tsa tsamaya di eta di ja dijalo fa a ntse a tlhagola. 

A rotloetsa balemi bangwe go tla go tsaya malebela ao mo go ene ka nako ya temo.

Molemisi wa Magapatona, Rre Gosetsemang Koitheng a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tsamaya ba bona gore balemi ba ba kgonneng go bona sengwe monongwaga ba dirileng jang le go tsaya malebela mo go bone ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe gore le bone ba tle ba tokafetse ka fa ba lemang ka teng.

Rre Koitheng a re mo temong fa o sa sala dintlha tse tsa go lema ka ditselana morago,go somarela bokgola, go tshela monontshane le go leta diji ga go tsise maduo.

A kgothatsa balemi go bona gore tseo tsotlhe ba di sala morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Letsatsi balemisi

Date : 16 May 2016