Boineelo le tlotlo mmamane
16 May 2016
Badirelapuso ba kopilwe go dirisa meletlo ya letsatsi la badirelapuso go itshekatsheka.
E rile a bula semmuso letsatsi la badirelapuso ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa Masunga bosheng, Kgosi Kutlwano Matenge wa Matenge, a re ka lone letsatsi leo, badirelapuso ba tshwanetse ba lebelela kwa morago go bona gore a ba isa ditirelo kwa setshabeng jaaka go tshwanetse.
Kgosi Matenge a re lefatshe leno le simolotse go keteka letsatsi la badirelapuso ka ngwaga wa 2012, go fa badirelapuso sebaka sa go itshekatsheka le go ipelela boleng teng jwa bodirelapuso, a re ka jalo ba tshwanetse ba ipotsa gore a letsatsi leo, le na le bokao bongwe kgotsa ba le keteka fela ka go bo le tlhomilwe.
A re badirelapuso ba tshwanelwa ke go supa boikarabelo mo tirong ya bone, ba e dira ka boineelo le ka tlotlo, ba setse morago ditaelo tse ba di fiwang ke puso mabapi le ditiro tsa bone.
Kgosi Matenge a re sengwe se ba tshwanetseng go se baya sebete, ke go netefatsa gore ba nyeletsa tshenyetso setshaba e bile ga ba amane le yone ka gope, a re tseo ke dingwe tse ka tsone ba ka netefatsang gore ba tswelela ba itirela motlhala o o bonalang wa bodiredi jwa tlhwatlhwa.
E ne e rile fa a ema badirelapuso ba Bokone Botlhaba ka lefoko, mongwe wa badirelapuso ba pele, yo o simolotseng e le morutabana ka dingwaga tsa bo 1980, Rre Godfrey Smile a tlhalosa fa mo dingwageng tseo, ba ne ba berekela mo mabakeng a a thata, go sena ditsompelo tse di akolwang ke badirelapuso ba nako eno.
Rre Smile a re le fa ba ne ba direla mo mabakeng a a thata jalo, ba ne ba itepatepanya le seemo seo, ba dira tiro ya bone ka botswapelo mo ba neng ba ntsha maduo a a bonalang fa go tshwantshanngwa le metlha ya gompieno.
Ka jalo, o ne a gakolola badirelapuso go itshekatsheka go bona gore ba dira tiro ya bone ba sa goge dinao ba itse fa ba direla lefatshe la bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Letsatsi la badirelapuso
Date : 16 May 2016






