Breaking News

Nata o itumelela ditlhabololo

16 May 2016

Kgosi Letsogo Kgaswa wa Nata a re go agwa ga matlo a boroko jwa badirelapuso ke tlhabololo e ba e atlang e bile ba e amogela ka tsoo pedi.

O buile jalo mo potsolotsong lbosheng, a tlhalosa fa tiro ya matlo a le lesome e simolotswe ka lenaneo la go rudisa itsholelo.

Kgosi Kgaswa a re se ke maiteko a a duleng diatla a puso e a dirang go gorosa ditlhabololo kwa Nata le gone go tokafatsa tebego ya motse mme a re gape se se tlaa tlhabolola ditirelo ka go farologana.

O bile gape a re ntle le gore ditlhabololo tse di tla araba selelo sa tlhaelo ya matlo a boroko jwa badirela puso, e ke nngwe tsela ya go tlhamela banni ba motse bogolo thata banana mebereko.

A re le ntswa mananeo a puso ka go farologana a gorogile mo motseng wa Nata, bontsi jwa banana ga ba a atlega go ka itshetsa ka mabaka a a farologaneng, ka jalo a re ditiro tse di tlaa nna mosola go ka tlhamela bangwe banana ba ba sa direng ditsela tsa go itshetsa.

O bile a tlhalosa gore le ntswa ditiro tse e se tsa sennela ruri, gone ga go tshwane le fa motho a ntse fela mme gape a gakolola banana gore ba seka ba iteba dinala go ka ikopela ditiro ka go farologana mo dikonterakeng tse di abetsweng ditiro tse.

A re se se ka dira pharologanyo ka jaana dikatso tse ba di fiwang, di ka ba thusa go menagane tsa ba tlodisa melatswana mme gape o bile a tlhalosa gore bone jaaka bagolwane ba motse, ba tlaa ema ditiro tse nokeng gore di atlege.

A re go le gantsi fa go na le tiro ya mofuta oo, dikgang di akaretsa botlhoka tsebe jwa go ka utswa didirisiwa di akaretsa disemente le tse dingwe ka go farologana ke sengwe se se tshwenyang.

Ka jalo a re ba tlaa nna ba tlhomile seemo matlho e bile ba dira maiteko a go bona gore dikgang tse ga di tlhagelele.

Mo go tse dingwe, Kgosi Kgaswa o bile a tlhalosa gore tiro ya go okediwa ga matlo a borutelo le a boroko jwa barutabana kwa dikoleng tse dipotlana ebong sa Nata le Makongwa e e neng e saletse kwa morago ka mabaka a itsholelo e e neng e sa iketla  e setse le yone e simolotswe go ka dirwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : NATA

Event : Potsolotso

Date : 16 May 2016