Molelo o supa maikaelelo a setshaba
16 May 2016
Molelo wa kgolagano ke sekao sa lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 la setshaba se se bopaganyeng.
Molelo o o tsamaya motse le motsana, o amogelwa ke magosi le bagogi botlhe fela ba ba maleba.
Ka Matlhatso molelo o ne o le kwa Xere mo kgaolong-potlana ya Boteti.
Fa a balela setshaba molaetsa wa ga Tautona, mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Boteti, Rre Thabo Baitseng, o ne a re molelo o supa bokao jwa maitlamo a go tsweledisa go tuka ga maikaelelo a setshaba go tswelela e nna e e rutegileng, e e tsweletseng, e e kutlwelobotlhoko, e babalesegile e bile e tshwaragane.
Monana wa Xere, Rre Israel Sekausu o ne a e a leboga bagolo ba ba thaileng lefatshe le.
Rre Sekausu o supile fa kagiso le thokgamo di rena mo lefatsheng leno, go sena dintwa tsa dipolotiki e bile puso e le ya batho ka batho.
Monana yo o ne a akgola mananeo otlhe a puso a re a fetola matshelo, ga a lope madi ape e bile a tlhabolola batho ba ba a tsayang tsia.
Rre Sekausu o ne a kgala thata tiriso ya ditagi le go nowa ga bojalwa phetelela ke banana a re go fokotsa matshelo a bone le go ba tlhokisa boikarabelo le isago e e tlhamaletseng.
O ne a wetsa ka go gakolola banana ka ene go tsaya mananeo a puso go fetola matshelo a bone le go itsa go tsena mo mebileng ka ntlha ya letlhoko la ditiro.
O ne a re go nna kwa lefelong le ditlamelo di sa lekaneng go seka ga ba kgoba marapo go fitlhelela ditoro tsa bone, a ba gakolola fa go ipereka go na le maungo a a monate thata.
Molelo wa kgolagano o ne gape wa isiwa kwa sekoleng sa Xere kwa mogoko, Mme Boikanelo Makosha a neng a o neelwa ke Kgosi Moipolai mme morago a o neela moithuti wa lekwalo la borataro; Kemofitlhetse Moitlhaopi yo o neng a amogela molelo mo boemong jwa baithuti botlhe.
Mokhanselara wa Xere, Rre Aaron Engleton o ne a lebogela popagano e e tsisitsweng ke molelo wa kgolagano, a nankola banni ba metse ya Khumaga, Motlopi le Makalamabedi ba ba neng ba tsile go amogela molelo le Xere.
Rre Engleton o supile fa molelo o o tla ka kgwetlho ya gore a mme popagano ke ya letsatsi le lengwe fela kana e tlaa tswelela,mme a kopa botlhe go bopagana le fa molelo wa kgolagano o setse o fetile.
Mokhanselara o ne gape a itumelela maitsholo a banni ba Xere,a re ba setse melawana yotlhe e e neng e beetswe go obamelwa ka nako ya kamogelo ya molelo wa kgolagano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tachila Kayawe
Location : XERE
Event : Kamogelo ya molelo wa kgolagano
Date : 16 May 2016






