Breaking News

Zwenshambe o tlhopha Mabutho

15 May 2016

E re ka jaana gotwe go kgoberega ga metsi, ke go itsheka ga one, go lebega motse wa Zwenshambe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o tlaa robalelwa ke ditlhokwa morago ga diphapaang tebang le dikgang tsa bogosi.

Zwenshambe o ne a farafariwa ke mathata a dikgang tsa bogosi, morago ga go tlhongwa ga ga Kgosi Moses Mabutho mo setilong ka 2009.

 Kgang kgolo e ne e le go bo banni bangwe ba motse ba ne ba ngongoregela go tlhongwa ga ga Rre Mabutho mo setilong.

Banni bangwe ba ne ba felela ba isa ngongora ya bone kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mme ya re ka kgwedi ya Phalane ngogola, lekgotla la laela gore go tshwarwe ditlhopho tsa bogosi kwa motseng oo.

Seo sa bo se raya gore Kgosi Mabutho o fologa mo setilong, mme morafe wa Zwenshambe wa nna le bothata jwa go tlhoka kgosi dikgwedi di le mmalwa pele go tshegediwa ditlhopho monongwaga ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le boferabobedi.

Mo ditlhophong tseo, tse mo go tsone go neng go iteisana borathana, bontlhopheng ba le babedi, morafe o ne wa supa fa o sa ntse o batla go etelelwa pele ke Kgosi Mabutho, ka jaana a ne a fenya ditlhopho tseo.

Leina la gagwe le ne la isiwa kwa kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae go tlhomamisiwa.

Mme e ne ya re kgwedi eno e tlhola garataro, dipelo tsa banni ba Zwenshambe tsa boela mannong, jaaka molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela le mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong, Mme Mmantho Moremi ba ne ba rolela morafe Kgosi Mabutho semmuso jaaka kgosi ya bone, morago ga gore tona a amogele leina la gagwe.

Fa a ema banni ba motse oo, ka lefoko, Rre Lesiela o ne a kaya fa seemo se banni ba ntseng ba le mo go sone sa go tlhoka kgosi, se ne se sa itumedise, a tlhalosa fa seemo seo se ne se ama le bone badirelapuso tota, ka jaana ba ne ba nna le ketsaetsego fa ba tsena koo, ya gore dikgang ba di rolela mang.

A re seemo seo, se ne sa dia dilo di le mmalwa mo motseng, mo e bileng ditsheko dingwe di neng di setse di sekelwa kwa metseng e mengwe mme di ne di sa tshwanelwa ke go ya koo.

Le fa go ntse jalo, Rre Lesiela a re o itumedisiwa ke go bo banni ba Zwenshambe le fa ba ne ba farafarilwe ke bothata joo, jwa go tlhoka kgosi, ba ne ba tshwaragane go sena kubetsano epe, ka jalo a ba gwetlha go tswelela ba tshegeditse mowa oo.

A ba kopa gape go tshwaragana le Kgosi Mabutho le gone go mo fa dikgakololo mmogo le go sala morago ditaelo tsa gagwe, go netefatsa gore ba kgarametsa ditlhabololo tsa motse wa bone go ya pele.

Molaodi Lesiela o tsweletse a gakolola Kgosi Mabutho go beela kwa thoko tsotlhe tse di kileng tsa diragala mme a tseye morafe wa gagwe ka tekatekano e a neng a ntse a ba e naya.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mabutho o ne a tshephisa fa a tshegetsa boikarabelo jwa gagwe jwa go nna moeteledipele wa tlhwatlhwa, a dira tiro ya gagwe a eteleditse dikeletso tsa morafe eseng tsa gagwe.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Mabutho o ne a supa matshwenyego tebang le banni bangwe, ba a tlhalositseng ba sa ntse ba na le mokgwa wa go goga leina la gagwe mo seretseng, ka maikaelelo a go timetsa bangwe.

Ka jalo a re fa mewa eo e ka latlhiwa, sengwe le sengwe se ka boela mannong mo motseng wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : ZWENSHAMBE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 15 May 2016