Metlojane o ngongoregela tiego
15 May 2016
Banni ba Metlojane kwa kgaolong ya Good Hope/Mabule, ba re ba ngongoregela tiego ya go diragatsa dikopo tse di fetisitsweng ke komiti ya ditlhabololo ya motse ka jaana se se baka madiadia mo go tlhabologeng ga motse.
Se se builwe ke moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Masego Seololwane fa a ne a lekodisa mopalamente wa kgaolo, Kgosi Lotlaamoreng ka Labotlhano.
Mme Seololwane o tlhalositse fa go swabisa nko go feta molomo ka gore ba nna ka go bua ka dikopo tse di tshwanang fa pele ga mapalamente a kgaolo ya bone, ka go tlhatlologana ga bone mme go sena nko e e tswang lemina.
O supile matshwenyego a gore, ba nna ba lela ka seemo sa ntlo ya boapeelo kwa sekoleng se sebotlana sa motse, se a supileng fa lesire la borulelo le tlhotlhorega ka ke botshabelo jwa dipeba.
A re dipeba tseo, di ka bakela baithuti malwetse, gammogo le bone baapei ba ba direlang mo ntlwaneng ya boapeelo.
O ne a supa gape fa ba sale ba tsentse kopo ya go baakanyediwa ntlo ya mooki ka jaana le yone e le mo seemong se se sa jeseng diwelang.
O ne a tlatsa ka gore ba kopile le ntlo ya modisa dikago kwa kokelwaneng ka jaana babereki ba nna fela mo setaataeng ka nako ya dipula, diphefo le serame a supa fa se se ka ba kgoreletsa go dira tiro ya bone ka botlalo ka jaana ba tlaa bo ba sa babalesega.
Le fa go le jalo, Mme Seololwane o ne a lebogela terata ya kgotla ka jaana, a supile fa kgotla ya bone e na le tebego e bile ba tlaa ketekela boipuso jwa bone mo tikologong e e nametsang.
Mo go tse dingwe, ba ne ba lela ka bogodu jwa dijo mo masimong ka nako ya letlhafula jo bo dirwang ke banana ba motse, le letlhoko la metsi mo motseng.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Gladys Molefe o ne a tshwaela ka gore ditirelo ka bontsi mo kgaolong tse di ntseng di dirwa ka lenaneo la Ipelegeng di tlaa nama di seegetswe fa thoko, morago ga gore khansele e retelelwe go ka tsweledisa ditirelo dingwe.
Mo tekodisong ya gagwe, mopalamente, o ne a solofetsa banni gore o tlaa kopana le baeteledipele ba maphata otlhe a a maleba go ba rolela matshwenyego a bone, le gone go batla ditharabololo go ka fefosa ditirelo tse di sa ntseng di saletse kwa morago go thusa go fetola seemo sa ditlhabololo mo motseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : METLOJANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 15 May 2016






