Breaking News

Go kgaolwa ga metsi go letsa Ditshegwane

15 May 2016

Banni ba Ditshegwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba ngongoregetse go kgaolwa ga metsi ke koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation ntle le therisano. 

E rile fa ba bua mo potsolotsong bosheng morago ga gore motse oo o tlhoke metsi letsatsi lotlhe, mongwe wa ba ba kgaoletsweng metsi, Mme Ditebatso Kopore a tlhalosa fa a kgaoletswe metsi ntswa a sa kolote.

Mme Kopore o tlhalositse fa a sa itumelele tsamaiso e e dirwang ke ba koporase eo ya metsi ka go lebega ba sena therisano ka ba sa kgone go buisanya le bone. 

Mme Tshoganetso Nkgoko ene o ne a tlhalosa fa bodiredi jwa koporase eo bo se pelotlhomogi ka jaana ba tswaletse mmaagwe pompo ntswa e le mo-n-a-le bogole. A re ba dirile jaana ntle le go bua le ene ntswa e le ene a duelelang mmaagwe.

E rile a tswa la gagwe Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane,  a supa fa a swabile nko go feta molomo ka se se dirwang ke koporase ya metsi ka e sena therisanyo le bogogi jwa motse.

O supile fa kgaolo ya metsi ya bosheng e amile dikgwebo tsa morafe ka bangwe ba foroma ditena ka jalo se se baka ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng e bile se humanegisa batho. 

O kaile fa ditsha tse disha di ise di tsenngwe metsi ka jalo a kopa gore beng ba tsone ba thusiwe ka ba tsaya metsi kgakala.  

Kgosi Morwaanare o kaile fa metsi a dirisiwa kwa maphateng a puso ka go farologana jaaka kwa dikokelwaneng le dikole, mme a re go a kgaola go sena morero go tsisa kgoreletsego mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tsa maphata ao.

O ne a kopa gore badiri ba koporase ba dirasanye le bone ka go ba neela maina a batho ba ba kolotang gore ba ba tswe tema ka go leka go ba rotloetsa go duela pele ga go ka tsewa tshwetso ya go kgaola.      

Mogolwane wa ofisi ya koporase ya metsi kwa Letlhakeng, yo o lebaganyeng le tsa badirisi ba metsi, Rre Obonanye Maje o supile fa ba kgaotse metsi kwa motseng oo ka banni ba ikgatholosa  go duela ka lebaka le ba le dumalanyeng kwa tshimologong ya ditirisanyo tsa bone la dikgwedi tse tharo.

O tsweletse ka go supa fa bontsi  jwa badirisi ba metsi ba ikidibatsa go fitlhelela ba nna le melala e e kwa godimo e ba palelwang ke go e duela.   

Rre Maje o supile fa dikgwetlho tse dingwe tse ba kopanang le tsone e le tshenyo ya dipompo tsa mo motsing ka go tsewa dibetiri tsa tsone. 

A re go nosiwa ga leruo mo motseng go atile ka go thubiwa dimmithara gore leruo le nwe, mme o supile fa dipompo tse di duelelwang kwa pele di sa bereke ntateng ya tshenyo e. 

O kopile bogogi jwa motse go ikopanya le ofisi ya bone go bona gore tsela pedi ba tsaya efe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Madianakedi

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 15 May 2016