Breaking News

Sefhare o ipaakanyetsa molelo

12 May 2016

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Bakuedi Masole, o rotloeditse setshaba go tsenya marapo mo dinameng jaaka ba tsweletse ka go baakanyetsa kamogelo ya molelo wa kgolagano le boipuso mo metseng ya bone.

Rre Masole o ntshitse thotloetso e mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke komiti e e baakanyetsang boipuso kwa Sefhare bosheng.

A re ngwaga ono o tletse ditiragalo tse di botlhokwa thata tse di batlang tshwaragano, morero le boithaopo jo bo tseneletseng mo setshabeng gore di atlege. A tlhalosa fa puso e ka seke e di kgone ka bonosi.

Rre Masole o ne a gakolola ka diphetogo tse di diragetseng bosheng tsa malatsi a go goroga ga molelo wa kgolagano mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami.A supa fa molelo o tlaa gorogela lantlha kwa Pilikwe kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gatlhano mme o feleletse kwa Sefhare Seetebosigo a le lesome le bobedi.

O ne a rotloetsa banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami go itse malatsi a kgorogo ya molelo wa kgolagano mo metseng ya bone.

A re keletso ke gore fa molelo o tsena mo metseng, banni ba o amogele ka dipalo tse di kwa godimo.

Rre Masole o tsweletse ka go gakolola gore botlhe ba ba tlaa bong ba tsaya karolo ka letsatsi la kgorogo ya molelo, ba bo ba ipaakantse go utlwala.

A re go tshwanetse ga nna le moemedi mo motseng yo o tlaa bong a amogela molelo go tswa mo motseng o mongwe go ya go o neela kgosi ya motse o molelo o tlaa bong o goroga kwa go one. O ne a bolela gore gape motse mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le sebui sa moemedi wa banana.

Rre Masole a re sebui sengwe le sengwe se se tlhophilweng mo motseng go bua ka letsatsi la molelo, se tshwanetse go tlhaloganya gore kgang kgolo e go tlaa bong go buiwa ka yone ke popagano le tswelelopele mo setshabeng le mo lefatsheng ka kakaretso.

A re gape sebui se se tlaa tlhophiwang go tlhalosa ka ditso tsa motse e bo e le motho yo o nang le kitso e e tseneletseng ka ditso tsa motse.

Rre Masole a gakolola gore banalebogole ba seka ba tlogelwa kwa morago. O ne a supa fa molelo wa kgolagano o faphegile ka jalo a rotloetsa gore o amogelwe ka tsela e e faphegileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Violet Keipeile

Location : SEFHARE

Event : Phuthego

Date : 12 May 2016