Breaking News

Maduo a dikole tsa Lerala a a tlhobaetsa

16 May 2013

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Lerala, Rre Shadrack Jani a re boeteledipele jwa dikole tsa Lerala bo lemogile fa go wela tlase ga maduo a dikole tsa motse wa bone go bakwa ke batsadi ba ba sa tseeng tsia thuto.

O boletse fa batsadi bangwe ba se na kgatlhego ya go etela dikole go bona gore bana ba dira jang le fa ba laleditswe ke boeteledipele jwa dikole.

Fa a bua kwa phuthegong ya boeteledipele jwa maphata a a farologanyeng a puso le bogogi jwa motse kwa Lerala bosheng, Rre Jani o ne a re go ngomola pelo go bona ka fa batsadi bangwe ba latlhelelang thuto ya bana ka teng.

A re go le gantsi batsadi ba tlogela bana ba sekole ba le nosi  go ya go direla kwa dipolasing kana kwa masimo mme seo se ame dithuto tsa bone.

O boletse fa bana ba le bantsi mo dikoleng tsa Lerala ba sa tsene dithuto sentle ka ba kgona go nyelela morago ga sefitlholo kgotsa dijo tsa motshegare mme morago barutabana ba lemoge  fa bana ba palo e e ka tshwarang sephatlo mo ntlwaneng ya borutelo ba se yo.

Rre Jani o boletse fa barutabana ba tsaya nako e ntsi ba letlanya bana ba sekole mme go ame tiro ya bone. O ntshitse selelo sa gore batsadi bangwe ba senya bana ba bone ka go ba ema nokeng le fa ba dirile molato kwa sekoleng, a bolela fa moo go ketefalela barutabana go ka otlhaya bana.

Mo go tse dingwe Rre Jani  o ne a re go nna sebaka se seleele mo lefelong le le lengwe go dira gore barutabana bangwe ba nne le boitseme mo tirong mme a kopa lephata la thuto go fudusa barutabana ba ba sa bolong go nna mo dikoleng di le dingwe.

Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lerala, Rre Frank Mahulela ene o boletse fa maikaelelo a bogogi jwa dikole e le go ntsha maduo a tlhwatlhwa.

A re mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng ba ne ba lemoga gore maduo a dikole tsotlhe tsa Lerala a wela tlase mme ba kopana go sekaseka gore tsela ba ka tsaya e fe.

A re mo ditshekatshekong tsa bone ba lemogile fa dikgwetlho mo dikoleng tsotlhe tsa Lerala di tshwana mme ba tlhokana le go ikamanya le ba ba amegang ka kwelotlase ya maduo a bana e se matshwenyego a barutabana fela.

Mothusa kgosi wa Lerala, Rre Ookeditse Shaw o ne a lebogela phuthego eo a bolela fa boeteledipele jwa dikole bo tsile ka nako e e lebaneng.

A re o na le tsholofelo ya gore maduo a dikole tsa motse wa gagwe a tlaa tsholetsega fa botlhe ba ba amegang ba ka ipona diphoso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Phuthego ya maphata a puso

Date : 16 May 2013