Breaking News

Go thibela letshoroma ke ga botlhe

16 May 2013

Ke boikarabelo jwa botlhe go thibela dintsho tse di bakwang ke bolwetse jwa letshoroma, le go tlhabolola botsogo jwa batho ka kakaretso.

Mafoko a a builwe ke Rre Olsen Madisa, kwa segopotsong sa letsatsi la mafatshe kgatlhanong le bolwetse jwa letshoroma kwa kgotleng ya Mokwena kwa Serowe.

Rre Madisa o boletse fa segopotso se, e le tumalano e e beilweng kwa bokopanong jwa lekgotla la botsogo la mafatshe ka 2008, gore se diragadiwe ngwaga le ngwaga go supa popagano ya mafatshefatshe ya go leka go tsisa ditlamelo go lwantsha bolwetse jwa letshoroma.

O tlhalositse fa segopotso sa letsatsi la mafatshe la malaria se neela makalana a twantsho bolwetse sebaka sa go itshekatsheka, go supa ka fa a tsweletseng ka teng mo go lwantsheng bolwetse jo.

O kaile fa ba botsogo ba kgonne go atlega mo go fokotseng dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke malaria. Rre Madisa a re dipatlisiso di tsweletse go sekaseka botlhe ba ba tsenwang ke bolwetse go leka go bona tshedimosetso ya gore bolwetse bo tsenye motho kae go tlhatlhoba ba masika le ba ba bapileng nabo gore ba potlakelwe go alafiwa go itsa kanamo.

Le fa go ntse jalo, a re letlhoko la bodiredi le ditsompelo e nnile dingwe tsa dikgwetlho  mo maitlamong a go lwantsha malaria. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhalosa gore ba dule ka mothale o mosha wa go bolaya mae a monang kwa go nang le metsi a mantsi teng, le gore kalafi ya ba ba lwalang e tlaa tlhabololwa go akaretsa molemo o o thusang go lwantsha kanamo ya bolwetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sethunya Malaakgosi

Location : Serowe

Event : Segopotso sa letsatsi la mafatshe

Date : 16 May 2013