Borre ba Mathathane ba maoto a tshupa
15 May 2013
Kgosi ya Mathathane kwa kgaolong ya Bobirwa, Kgosi Richard Serumola a re ga a itumedisiwe ke ka ka fa borre ba motse oo ba leng maoto a tshupa ka teng go tsena diphuthego tsa kgotla.
A re o lemogile fa kgotla e tlala ka bomme fela ka dinako tsa diphuthego ntswa go na le borre ba le bantsi mo motseng.
Mo potsolotsong, Kgosi Serumola o tlhalositse fa borre ba tshwanetse go tlhaloganya gore diphuthego tsa kgotla di botlhokwa thata mo matshelong a bone. A re borre ba ka ithuta go le go ntsi mo diphuthegong ka e le gone kwa ba ka utlwang ka mananeo le ditirelo tsa puso teng.
Kgosi Serumola a re e re ntswa a tlhaloganya fa bangwe ba ka tswa ba ile ditirong, ga se botlhe ba ba dirang. A re o ipotsa gore ba tlaa itse jang, ka ditlhabololo tsa motse le ka matshwenyego a bone.
A re se se utlwisang bothoko thata, ke gore borre ba tla mo kgotleng ka bontsi, fa go na le ditsheko kana ba le mo mathateng. A re o ipotsa gore ba ithuta eng mo ditshekong. A re morafe o tshwanetse go itse fa kgotla e se ya gagwe mme e le ya morafe.
Kgosi Serumola a re o tlaa ikopaya le dikgosana tsa motse go leka ka bojotlhe go rotloetsa bo rre go tsena diphuthego. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keneilwe Manyatsa
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 15 May 2013






