Breaking News

Barui ba Ghanzi ba ganetsa magatwe

15 May 2013

Barui ba dipolasi tsa Ghanzi ba ganeditse magatwe a a kwadilweng mo dikoranteng a gore ba beile P500 million go aga matlhabelo kwa kgaolong eo.

Barui bao ba ganeditse magatwe mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke komiti ya mapalamente e e tlhotlhomisang gore ke eng fa matlhabelo a BMC a sa bereke sentle.

Ba boleletse komiti eo fa ba boleletswe ke khansele ya Ghanzi gore e itshwaragantse le kompone nngwe kwa Aferika Borwa mabapi le go bula matlhabelo kwa toropong eo.

Barui ba boleletse komiti eo fa BMC e paletswe ke go diragatsa melawana e e neng e batlwa ke ba lekgotla la EU, mme ka mabaka ao, EU e ne ya emisa gore lefatshe leno le rekise nama ya lone.

Ba boleletse komiti eo gore ba kopa gore go baakangwe molao motheo wa matlhabelo ao wa gore BMC e nne yone fela e rekisang nama kwa mafatsheng a a kwa ntle ka gore go dira jalo ke gone mo go bolayang matlhabelo ao.

Ba ne ba supa gape fa ba kopa gore go agiwe matlhabelo a mangwe mo lefatsheng leno, a a tlaa bong a gaisana le a Lobatse ka ditlhwatlhwa tsa go reka dikgomo tsa bone  ka gore ditlhwatlhwa tsa BMC di kwa tlase fela thata.

Barui ba supile gape fa matlhabelo a lefatshe leno a sa bereke sentle ka ntlha ya boitseme jwa bodiredi le go kobiwa ga bodiredi nako le nako. Ba ne ba ngongorega le ka lephata la twantsho matlhoko a leruo, ba supa fa le na le seabe mo go sa berekeng sentle ga BMC. 

Ba boleletse komiti eo gore go tsenelela ga sepolotiki go na le seabe, mme ba re matlhabelo a tshwanetse go ikemela ka nosi.

Modulasetilo wa khansele Rre Douglas Tlharese, o ne a rurifatsa mafoko a barui, a tlhalosa fa e le nnete khansele ya Ghanzi e tshwaragane le kompone nngwe kwa Aferika Borwa go tla go aga matlhabelo kwa Ghanzi.

A re ba dirile sengwe le sengwe le kompone eo, mme ba sa ntse ba emetse tetla go tswa kwa BMC. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Phuthego

Date : 15 May 2013