Megala ya letheka e kgoreletsa baithuti
14 Apr 2016
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsia, o kopile batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao.
A re se motsadi a se dirang ngwana gompieno o tsoga a le sone kamoso.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa gooraBome kwa Kanye, Rre Ralotsia o boletse fa bana ba gompieno e le bone baeteledipele ba kamoso ka jalo o ne a rotloetsa batsadi go emela dithuto tsa baeteledipele ba kamoso ka dinao go aga Botswana yo montle kamoso.
O ne a kgala batsadi ba ba rekelang bana ba bone megala ya letheka. A re megala eo e itaya bana tsebe gonne ba nna fela ba e tobeleditse ruri.
Rre Ralotsia, yo gape e leng Tona wa Temo Thuo, a re go rekela ngwana mogala wa letheka ga se go supa lerato, a re ke go nna mmaba wa ngwana labofelo gonne go nna le mogala wa letheka o le moithuti maduo a teng ke maikotlhao fela.
A re mogala wa letheka ke one o senyang bokamoso jwa ngwana e bile o rotloetsa bana go itse dilo tse ba sa tshwanelang go di itse ba santse e le bana.
Rre Ralotsia o tlhalositse fa maduo a bana ba dikole mo kgaolong ya gagwe a utlwisa botlhoko e bile gape a sa kgatlhe.
A re batsadi le barutabana ba supana ka menwana fa bana ba sa ithute sentle. O tlhalosa fa go sena ope yo o batlang go tsaya boikarabelo fa maduo a ngwana a sa kgatlhise.
“A re tseeng boikarabelo jwa go betlela bana ba rona bokamoso jo bo eletsegang, e seng jalo re tlaa thanya lo le tsebeng,” ga bua jalo Mopalamente Ralotsia.
O buile gape fa tiriso ya ditagi le motokwane di ile magoletsa. A re batsadi ba rekisetsa bana motokwane le bojalwa mme se se tlhomola pelo ka morekisi ene ga a kgone go akanyetsa bokamoso jwa bana.
O boletse fa batsadi gape ba roma bana go ba rekisetsa motokwane kwa dikoleng.
A re batsadi ba re tsaya o rekise motokwane o itirele madi a ditlhako.
Rre Ralotsia o buile fa maitshwaro a bana a le maswe, a re batsadi ga ba battle go kgalemela bana ba bone nako e santse e le teng.
O boletse fa motsadi a sa rate ngwana wa gagwe a kgalemelwa ke batsadi ba bangwe.
A re go sa kgalemela ngwana nako e santse e le teng o le motsadi, ke go itlhaba ka thipa mpeng ka nako ya o re o a kgalema ene o a bo a setse a keketse.
A re mongwe le mongwe o roba se a jwadileng mo go sone ka jalo o ne a rotloetsa batsadi go jwala dipeo tse di molemo, tse di tlaa ba isang golo gongwe.
Mopalamente Rre Ralotsia yo gape e leng tona wa temo-thuo o ne a tlhagisa morafe ka diphatsa tsa bolwetse jwa mabele jo bo bonwang mo dikgomong.
A re bolwetse jo bo tlhasetse e bile bo bonwa fela mo kgomong fa e sule, a tlhalosa fa boranyane bo sa kgone go bo senola fa kgomo e santse e tshela.
O ne a kopa morafe go tsibogela bolwetse jo gonne bo ama barui ba le bantsi e bile bo tshwarisitse batho phage ka mangana.
Tona Ralotsia gape o ne a kopa Bangwaketse go ipaakanyetsa boipuso jwa masome a matlhano Botswana a ntse a ipusa.
A re ba ipaakanye nako e santse e le teng ka boipuso jo ke jo bo faphegileng e bile bo tshwanetse go nna jo bo sa lebalweng motlhofo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 14 Apr 2016






