Breaking News

Kgosi ke kgosi ka batho

10 Apr 2016

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Botlogile Tshireletso, o gakolotse kgosi ya Kgope e e sa tswang go tlhomiwa mo setilong fa kgosi ele kgosi ka batho.

Kgosi Otsisitswe Kgosimokgalo o ne a tlhomiwa mo setilong ka Labotlhano kwa moletlong o o neng o natefisitswe ka mmino wa setso le poko. 

Kgosi o tlhatlhama kgaitsadie ebong Patrick Mokgalo yo o tlhokafetseng ka ngwaga wa 2011.

Mme Tshireletso o ne a tlhalosa fa bogosi bo le botlhokwa thata e bile lefatshe leno le bo tseela kwa godimo.

O gakolotse Kgosi Kgosimokgalo gore a seka a iteba ele motho wa mme, a itse fa ele kgosi e e eteletseng morafe pele.

Mothusa tona o akgoletse banni ba Kgope go sa leta dikgogakgogano go re di ba tsene ka bogare kaba kgonne go nna dingwaga di tse thataro go sena kgosi. 

A re mo nakong ya gompieno, bogosi bo a lwelwa ebile go kgona go tsaya dingwaga tse dintsi gore kgosi e bewe mo metseng e mengwe.

Kgosi kgolo ya Bakwena yo e bileng e neng ele ene a tlhomang kgosi, o ne a kopa banni go ema Kgosi Kgosimokgalo nokeng. O gakolotse Kgosi go busa ka bopelotelele, a itse gore o busa batho ba ba megopolo ee farologaneng.

Fa a fiwa sebaka sa go laa kgosi, Kgosi Michael Molefe wa Kopong o gakolotse Kgosimokgalo go rerisa bo rangwaneagwe ka tsotlhe tse a eletsang di ka dirwa. “O tsile go tsaya ditshwetso mme oseka wa di tsaya ka maikutlo aa kgoberegileng”, ga gakolola jalo kgosi Molefe.

O tsweletse ka go gakolola kgosi go itse tsamaiso le molao motheo wa lefatshe, a re kgosi a netefatse gore o bopaganya morafe wa motse wa gagwe ebile a ba rute le mowa wa boipelego.

Kgosi Molefe o ne gape a gakolola kgosi go kgothatsa morafe go lwantsha borukuthi le go ngokela ditlhabololo mo motseng wa gagwe.

E rile a ba kgwa dikgaba, Kgosi Kgosimokgalo a tlhalosa fa a itlama go bereka le morafe wa gagwe sentle. 

O ne a a ikuela fa a kopa tirisanyo mmogo mo morafeng wa gagwe.

Bangwe ba ba tsenelela moletlo e ne ele dikgosi le dikgosana tsa metse ya kgaolo ya Kweneng, mopalamentse wa kgaolo ya Lentsweletau /Mmopane Rre Vincent Seretse gammogo le mokhanselara. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thandie Keitumetse

Location : Kgope

Event : Tlhomo ya kgosi

Date : 10 Apr 2016