Ga ba batle kgaolwana e fetolwa
12 May 2013
Morafe wa Ditshegwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng bophrima o batla gore kgaolwana ya bokhanselara ya Ditshegwane/Sesung e seka ya fetolwa.
Baagi ba motse oo ba boletse jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla la ditlhopho bosheng, ka maikaelelo a go tsaya megopolo mo setshabeng ka diphetogo tse di dirilweng mo melelwaneng ya dikgaolo tsa botlhophi.
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho kwa Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole, o ne a tlhalosa gore kgaolo eo e tlaa bidiwa Takatokwane ebile e tlaa nna le makhanselara a le marataro, gona le ba le borobabobedi jaaka gone go ntse mo ditlhophong tsa 2009.
O tlhalositse gore go tlaa dirisiwa dikago tsa setshaba mo metseng e e nang le dikago jaaka matlhophelo mme metse e e senang dikago e tlaa fiwa ditante tsa IEC.
Baagi ba motse oo ba supile fa kgaolwana ya bone ya bokhanselara e siame go tlogelwa fela jaaka e ntse, ka gore fa e ka kgaogangwa ya nna Ditshegwane/Kgare le ya Sesung/Metsibotlhoko ba ka tlhaelwa ke makhanselara ka jaana makhanselara a kgaolo ya Takatokwane a fokoditswe. Ba ngongoregetse gore dipalo tse IEC e di kaileng di kwa tlase go na le tse ba di itseng, ba re se se bakiwa ke gore metsana e mengwe e e welang mo Ditshegwane e isitswe kwa kgaolong ya Letlhakeng botlhaba, jaaka ya boMmankgodi, Ookwa le Matshajwe.
Ba boletse fa ba tshwenngwa ke mosuke kwa matlhophelong, ba bo ba kopa go okelediwa matlhophelo go tila mosuke. Ba kaile fa ba na le ntlo lehalahala, e e ka oketsang matlhophelo a bone go tlatsa sekole se sebotlana le kgotla ka nako ya go tlhophiwa.
Kgosana ya motse oo, Kgosi Bagodi Phihadu, o ne a re fa kgaolwana eo e ka kgaoganngwa, mokhanselara wa yone o ka tshwaragana le namane e tona ya tiro ka kgaolwana eo e le bophara gape morafe wa yone o ka seka wa tlhaloganya gore ba wela kae.
Kgosi Phihadu o ne a kopa morafe wa gagwe o o nnang kwa ditoropong go nna ba tla go ikwadisetsa ditlhopho mo gae e seng kwa ditoropong ka jaana ba tlhaetsa dipalo tsa batlhophi ba dikgaolwana tsa metse ya selegae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boikobo Koboetetse
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 May 2013






