Dikereke di supa mowa wa kutlwelo botlhoko
03 Jan 2013
Dikereke kwa Mabeleapodi di abetse ba ba tlhokileng lesego dimpho.
Batlhoki, masiela le bagodi ba ne ba abelwa dikobo fa baithuti ba ba nang le bogole bone ba abetswe melora.
Modulasetilo wa lekgotla la dikereke tse di neng di tshwaraganetse tiro eo, Rre Katlo Mokgalagadi o supile fa ba bone go le maleba go nna le seabe mo matshelong a batho ba ba tlhokileng lesego mo motseng wa bone.
A re puso ga e kake ya kgona go fa Batswana dithuso e le nosi ke sone se ba boneng botlhokwa jwa go re ba tsenye letsogo, a gatelela gore go sego letsogo le le abang.
O supile fa ba kgonne go kgobokanya madi ka go kopa mo setshabeng le go ntsha meneelo.
Mongwe wa balalediwa mo tirong eo, Rre Ewetse Dintweng go tswa kwa ofising ya mopalamente ya Serowe bokone botlhaba, o lebogetse dikereke mowa o mo ntle o di o supileng a bo a di akgola go bo di kgonne go kopana a re se ke sesupo sa popagano le mowa wa bojammogo.
O rotloeditse maloko a dikereke tseo go tswelela ba go direla setshaba ka jaana go tswa goo lowe kereke e ntse e thusa go tlhabolola matshelo a batho.
A re go botlhokwa gore maloko a rotloetse ba ba dikobo dikhutshwane go ikopela mananeo a nyeletso lehuma ka jaana puso e ne e a dira e lebile bone.
O supile fa botlhoki jo bo feteletseng bo ka fela fa ba ba amegang ba ka ikitaya ka thupana mme ba itlwaetsa go itirela go na le gore ba emele go fiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : SEROWE
Event : Kabo dimpho
Date : 03 Jan 2013






