Kgwebo e batla maano a motia
05 May 2013
Pele ga motho a tsena mo kgwebong o tshwanetse go ipotsa gore o tsenela eng, a go na le kwa a ka rekisang dilwana tsa gagwe teng le go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa yone.
Go boletse jalo mogolwane go tswa kwa lephateng la OSET, Mme Kealeboga Kopelang, jaaka a ne a bua le batho ba ba thusiwang ka lenaneo la batlhoki, kwa thuto-puisanong ya malatsi a mabedi bosheng.
Mme Kopelang o ba tlhaloseditse gore, go botlhokwa gore fa ba tsena mo kgwebong ba bo ba na le kitso le boitseanape ja kgwebo e ba tsenang mo go yone.
O ba gakolotse gape gore ba nne le kitso ya go tshwara bareki sentle, kitso ya go tshwara madi, ya go bereka ba le setlhopha le kitso ya gore kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho.
Mme Kopelang o ba tlhaloseditse gape gore, madi a ba simololang kgwebo ka one, a tshwanetse go fetwa ke a a tsenang mo kgwebong, go supa gore ba dira dipoelo.
O boletse gore maikaelelo a ba tsenang mo go one a ka ba direla maduo, mme ba nne le kitso ya gore kgwebo ga e tsise maduo ka bofefo gape e tlhoka boitshoko.
Mogolwane go tswa kwa lephateng le Rre Olekantse Lota, o ba kopile go dira diteseletso pele ga ba simolola go gweba.
O ba tlhaloseditse gore fa ba bereka ba le setlhopha, ba tshwanetse go kwadisa kompone, ba bo ba dire le yone teseletso.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego Rre Kgomotso Jongman, o ne a ba tlhalosetsa gore go botlhokwa gore fa ba le setlhopha, ba betle tsela le go ipeela gore ba ka intsha jang mo lehumeng.
A re go botlhokwa gore ba okwe ke sengwe mo setlhopheng le go bona gore a maikaelelo a bone ba le setlhopha a a tsamaisana.
Rre Jongman a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le se a se dirang mo setlhopheng, mme setlhopha se tshwanetse go sekaseka tiro ya sone gore e tsamaile jang, gore ba tle ba baakanye tse di sa tsamaeng sentle.
A re setlhopha se se dirisanang, se na le kgonagalo ya go atlega, mme fa ba se na maikaelelo a le mangwefela, go ya go nna motlhofo gore se phutlhame. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Thuto-Puisanyo
Date : 05 May 2013






