Breaking News

Loaro ga le thibele mogare

01 May 2013

Go rupa ga borre ga se go thibela go tsenwa ke mogare wa HIV.

Mafoko a a  builwe ke Rre Muchumaele Juta, yo e leng mogakolodi e bile e le motlhatlhobi wa mogare wa HIV kwa lekalaneng la Pelegano Support Group, kwa Makaleng fa a buisana le BOPA bosheng.

Rre Juta o tlhalositse fa a tshwenyegile ka borre ba ba ikgatholosang itshireletso morago ga go kgaola letlalo la bonna.

Le fa go ntse jalo, tlhalositse fa go dira learo le le sireletsegileng la letlalo la bonna go ka namola lefatshe leno mo kanamong ya mogare wa HIV le malwetse a tlhakanelo dikobo.

A re go supagala fa borre ba tsibogetse lenaneo mme ga ba diragatse maikaelelo a lone ka borre ba tlhakanela dikobo ba sa dirise sekausu.

Rre Juta o tlhalositse fa ba ba dirang jalo ba le mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare le go o fetisetsa kwa go ba bangwe.

O kgothaditse banana, segolo jang basimane, go tsaya kgato, go ipaakanyetsa isago ka go tsibogela mananeo a botsogo, a supa fa go dira jalo e le go supa boikarabelo.

Mogolwane yoo o ne a tlhalosa gore go dira learo le, go thibela gore mme o ka tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo e bile go thusa borre gore ba nne ba le phepa.

O ne a kopa banana go ikgapha mo tlhakanelong dikobo go itsa go tsenwa ke malwetse a dikobo ga mmogo le go ima ba sa le bannye.

A re puso e dirile maiteko a go gasa melaetsa ka go farologana ka mananeo a thibelo mogare mme go supega fa batho ba sa ntse ba tsenwa ke mogare ka lebaka la go ikgatholosa  dikgakololo.

Rre Juta o tlhalositse fa lekalana la bone le ikemetse ka nosi mme le tshwaraganetse ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS le puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phillip Moloi

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 01 May 2013