LIMID e tswa maduo
29 Apr 2013
Lenaneo la temo- thuo la Livestock Management and Infrastructure Development (LIMID) le supile maduo e bile le ntshitse bangwe mo lehumeng.
Go tlhalositse jalo barui bangwe ba ba akotseng lenaneo leno bosheng mo potsolotsong ya lekala la dikgang la BOPA.
Mme Tshegofatso Mareka wa motse wa Tsibogolamatebele a re ene o sale a inaakantse le lenaneo le ka ngwaga wa 2007 mme a thusiwa ka dipodi tse dinamagadi di le masome a mabedi le boferabongwe le phoko e le nngwe. A re lenaneo le le ne le akaretsa dijo le melemo ya dipodi mme o tladitse ka gore le fa go ntse jalo o ne a sa ipone tsapa go disa leruo la gagwe gore le tle le ate.O tsweletse ka go bolela fa dipodi tseo jaanong di atile e bile a kgona go rekela bana ba gagwe paka ya sekolo le dijo.
Mme Mareka a re ga a tlhoke seshabo ka a silega dipodi tsa gagwe mo maitseboeng a di game phakela go dira madila. E re dikgang di eme jalo, Mme Mareka o boletse fa a tshwenngwa ke dibatana tsa naga jaaka bophokoje.
Le fa go ntse jalo a re o ikaelela go batla ntsa e e disang dipodi go somarela leruo la gagwe.
Morui yo mongwe wa motse wa Chanoga, Rre Keolopile Emmanuel a re o leboga LIMID ka e mo ntshitse mo lehumeng. A re e sale a filwe dipodi ka ngwaga wa 2008 o tshwere ka thata go di tlhokomela, mme o kopile ba ba mo lenaneong le go tlhokomela leruo la bone gore ba tle ba rekisetse ba ba setseng ba tlaa thusiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagisitswe Dioka
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 29 Apr 2013






