Badirelapuso ba kopiwa go duela VDC
21 Jan 2016
Badirelapuso ba kopilwe go duela madi a khiriso ya matlo a komiti ya ditlhabololo gore e kgone go dira ditiro tse dingwe go tlhabolola motse wa bone.
E rile mopalamente wa Mochudi Bophirima, Rre Gilbert Mangole, a lekodisa banni ba motse wa Dikgonnye ka dikgang tsa palamente ka Labobedi, a supa fa dikgang tsa dikoloto tsa madi a go hirisa matlo a komiti ya ditlhabololo di tsweletse ka go tshwenya.
A re go tlhabisa ditlhong gore motho a nne mo tlung ya komiti eo mme a bo a sa duele mo ngwaga o kgonang go fela a ise a duele sepe.
A re komiti ya ditlhabololo e tshwere phage ka mangana go bona madi ao mme e bile bangwe ba setse ba ile go berekela kwa dikgaolong tse dingwe ka melatsa ya dikoloto tsa komiti eo.
Mopalamente o kopile komiti ya ditlhabololo go ema ka dinao go batla madi ao ka gore a ne a ka ba thusa go dira ditiro tse dingwe jaaka go tsenya motlakase mo matlung a bone le gone go aga a mangwe go oketsa letseno.
A re mo bokopanong ja gagwe le komiti eo ba ne ba supa fa ba na le kgwebo ya ditena mme e sa dire sentle ka jaana madi a bone a felela mo go rekeng motlhaba.
Rre Mangole a re e re ka jaana ba tshwanelwa ke go hira koloi e e ba tseelang motlhaba, go ba ketefaletsa kgwebo mme o ne a ba solofetsa fa a tla bua le khansele go bona gore e ka ba thusa jang bogolo go ba tseela motlhaba mme tse dingwe ba ka di itirela.
Mopalamente o ne a supa fa tiro ya komiti ya ditlhabololo e le ntsi fela thata e bile e tsaya nako ya leloko go direla morafe.
A re ka jalo go tsile nako ya gore dituelo tsa maloko a komiti eo di okediwe ka gore madi a ba a bonang a le kwa tlase fela thata mo e bileng gosena ope yo o batlang go bereka mo komiti eo bogolo jang ka madi a Ipelegeng a le botoka mo go a bone.
Rre Mangole a re mo puisanong le maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye, ba supile fa seriti sa komiti eo se ntse se ya kwa tlase mme dilo di thatafalela pele. A re ka jalo o tla isa tshutiso kwa palamenteng gore dikomiti tsa ditlhabololo lefatshe ka bophara di okelediwe dituelo mo mading a Ipelegeng ka di dira tiro e kgolo fela thata mme ba tshwanela ke go atswiwa bogolo go lekana le Ipelegeng.
Mo go tse dingwe Mopalamente o ne a itsise morafe fa tsela ya bone le Mochudi e tla baakanngwa mme gongwe go tla tsaya sebakanyana gore e tsenngwe sekonotere.
O ne gape a bolelela morafe fa ba tla agelwa sepatela kwa Mochudi mme mo nakong ya gompieno go ntshitswe madi a go dira moalo wa sone mme ba tswelele ka go kopa gore se ntshetswe madi a go agiwa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Dikgonnye
Event : Phuthego
Date : 21 Jan 2016






